Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Malakie 1 - Setswana 1970


Lorato lwa Morena le go sa lebogeng ga Baiseraele

1 Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena le le rerelwang Baiseraele ka Maleagi.

2 Morena a re: “Ke lo ratile, mme lona lo botsa lo re: ‘O re ratile jang?’ A ga ke re: ‘Esau e ne e le mogoloa Jakobe?’ ” go bua Morena. “Mme ke ratile Jakobe,

3 ka tlhoa Esau, mme dithaba tsa gagwe ke di dirile sekaka; ka dira boswa jwa gagwe naga ya diphokojwe.

4 Fa Etomo a re: ‘Re thubakantswe, mme re tla tsosa marope.’ Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A ba age, nna ke tla thuba, mme ba tla bidiwa naga ya boikepo le morafe o Morena a o galefetseng ka bosakhutleng.’

5 Matlho a lona a tla bona, mme lo tla re: ‘Morena o mogolo le ka kwa ntle ga molelwane wa Iseraele.’


Morena o kgalemela baperesiti

6 “Morwa o tlotla rraagwe, motlhanka o boifa morena wa gagwe. Jaanong fa ke le Rara, tlotlo ya me e kae? Fa ke le Morena, go mpoifa go kae? Morena wa masomosomo o raya lona, baperesiti, ba lo nyatsang leina la me. Mme lo botsa lo re: ‘Re nyaditse leina la gago ka eng?’

7 Kana lo tlisa dijo tse di itshekologileng mo aletareng ya me, mme lo botsa lo re: ‘Re go tlotlolola ka eng?’ Kana ke ka polelo ya lona e e reng: ‘Lomati lwa bojelo lwa Morena lo a nyatsega.’

8 Gonne fa lo tlisa se se foufetseng go dira setlhabelo, a ga se molato? Le fa lo tlisa se se tlhotsang gongwe se se lwalang, a ga lo ipone molato? A ko ò se ise kwa moreneng wa gago! A ò tla mo kgatlha? Gongwe a ene o tla go itumelela? Legoka!” go bua Morena wa masomosomo.

9 “Lekang he go kopa bopelotlhomogi mo Modimong lo re: ‘A o ko o re itshwarele!’ – Kana dilo tse di ntseng jalo di tswa mo diatleng tsa lona! – A o tla nna bopelonomi le lona?” go botsa Morena wa masomosomo.

10 “E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele.

11 Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo.

12 “Mme lona lo le itshepolola ka polelo ya lona e e reng: ‘Lobati lwa bojelo lwa Morena lo itshekologile le tse di tswang mo go lone ke dijo tse re di galalang.’

13 Lo buile lwa re: ‘Kana di lapisa jang!’ Mme lo a di nyatsa,” go bua Morena wa masomosomo; “mme lo tlisa se se thukhuthilweng le se se tlhotsang le se se lwalang, lo tlisa ditlhabelo jalo. A tse di tswang mo diatleng tsa lona di ka nkgatlha?” go botsa Morena.

14 “Go hutsitswe motsietsi yo o nang le e tonanyana e e tshwanetseng mo letsomaneng la gagwe, mme le fa a dirile maikano, o tlhabela Morena e e sa tshwanelang. Kana, ke nna kgosi e kgolo,” go bua Morena wa masomosomo, “mme leina la me le boitshega mo ditšhabeng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan