Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 8 - Setswana 1970


Basadi ba ba diretseng Morena ka di-tsa-bone

1 Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12,

2 le basadi bangwe ba ba neng ba fodisitswe mewa e e bosula le malwetse, e bong Maria yo o bidiwang Magtalena, yo go duleng medemone e e supang mo go ene,

3 le Johana, mosadi wa ga Gusa, molebeledi wa ntlo ya ga Herote, le Susana, le bontsi jwa ba bangwe ba ba neng ba ba direla ka tse ba nang natso.


Setshwantsho ka ga mojwadi
( Math. 13:1-23 ; Mar. 4:1-20 )

4 Ya re batho ba le bantsi ba phuthega, le ba ba tswang mo metseng yotlhe ba tla go ene, a bua ka setshwantsho a re:

5 “Mojwadi o kile a tswela go jwala peo ya gagwe. Ya re a ntse a jwala, tse dingwe tsa wela mo tseleng, tsa gatakwa, mme dinonyane tsa leapi tsa di ja.

6 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o majwe; mme ya re di sena go tlhaba, tsa omelela, ka di tlhaela bokgola.

7 Tse dingwe tsa wela mo gare ga ditlhatshana tse di mmitlwa; mme ditlhatshana tsa mela natso, tsa di hupetsa.

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”


Ke ka ntlhaang Jesu a bolela ditshwantsho?
( Math. 13:10-17 ; Mar. 4:10-12 )

9 Jaanong barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Naare, setshwantsho se, ke sa eng?”

10 A re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a puso ya Modimo; mme ba bangwe ba newa ka ditshwantsho gore le fa ba bona, ba se ka ba bona, mme le fa ba utlwa, ba se ka ba tlhaloganya.


Tlhaloso ya setshwantsho sa mojwadi

11 “Mme setshwantsho se raya jaana: Peo ke Lefoko la Modimo.

12 Tse di mo tseleng ke ba ba utlwileng, mme morago go tle Diabolo, a tlose Lefoko mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba dumela, ba pholosiwa.

13 Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.

14 Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.

15 Tse di mo mmung o o siameng ke bone ba e a reng ba utlwile, ba boloke Lefoko mo pelong e ntle e e molemo, mme ba ungwe go ya pele.


Setshwantsho ka ga lobone
( Mar. 4:21-25 )

16 “Ga go na ope yo e a reng a tshubile lobone, a lo ribegetse ka sejana, le fa e le go lo baya ka fa tlase ga bolao; mme o a tle a lo tlhome mo setlhomong gore ba ba tsenang ba bone lesedi.

17 “Gonne ga go a fitlhega sepe se se se kitlang se bonala; le gona ga go a subega sepe se se se kitlang se itsiwe, se tla mo ponatshegong.

18 “Ka moo, tlhokomelang ka fa lo utlwang ka teng; gonne yo o nang le sengwe o tla newa; mme yo o se nang sepe, le se a itlhomang a na naso o tla se tseelwa.”


Ba ga gabo Jesu
( Math. 12:46-50 ; Mar. 3:31-35 )

19 Jaanong mmaagwe le bomonnawe ba tla go ene, mme ba retelelwa ke go fitlha fa go ene ka ntlha ya bontsi.

20 A bolelelwa ga twe: “Mmaago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba rata go go bona.”

21 A ba fetola a re: “Mmê le bonnake ke bone ba ba utlwang Lefoko la Modimo, ba le dirisa.”


Jesu o didimatsa letsha
( Math. 8:18 , 23-27 ; Mar. 4:35-41 )

22 Ka lengwe la malatsi ao a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga letsha.” Mme ba bolola.

23 Ya re ba ntse ba tsamaya, a thulamela. Ga fologela matsubutsubu a phefo mo letsheng, metsi a ba gasegela, mme ba nna mo kotsing.

24 Ke fa ba tla, ba mo tsosa ba re: “Moruti, Moruti, re a nyelela!” A tsoga, a kgalemela phefo le dintelo tsa metsi; tsa khutla, ga ba ga nna tidimalo.

25 A ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa le tsona diphefo le metsi a di laola, mme di mo utlwa?”


Setsenwa sa kwa Gerasa
( Math. 8:28-34 ; Mar. 5:1-20 )

26 Jaanong ba be ba tshelela kwa lefatsheng la Bagerasa le le lebaganyeng le Galelea.

27 Ya re a tswela mo lefatsheng, monna mongwe wa kwa motseng a kgatlhana nae, a na le medemone, yo o sa bolong go tsamaya a sa apara, a sa nne mo ntlong, fa e se mo mabitleng.

28 Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a goa a re: “Ke na le eng le wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke a go rapela: O se ka wa ntlhokofatsa.”

29 Ke ka gonne Jesu o ne a laotse mowa o o itshekologileng go tswa mo mothong yoo. O ne o a tle o mo rutlarutle gantsi, a ba a golegwe ka dikeetane tsa mabogo le maoto, a disiwe, mme a kgaole dikgolego, a kgweelediwe ke modemone kwa mafelong a a senya.

30 Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” Yoo a re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye medemone e mentsi mo go ene.

31 Jaanong ya mo rapela gore a se ka a e laola go ya moleteng o o se nang bolekanngo.

32 Ga bo go le lekgamu la dikolobe di le dintsi teng, le fula mo thabeng. Mme medemone ya mo rapela gore a e letlelele go tsena mo go tsona. A e letlelela.

33 Foo medemone ya tswa mo mothong, ya tsena mo dikolobeng, mme lekgamu la kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, la betwa ke metsi.

34 Ya re badisa ba bona se se dirafetseng, ba tshaba, ba se bolela mo motseng le kwa masimo.

35 Ke fa batho ba motse ba ya go bona se se dirafetseng, ba tla kwa go Jesu, ba fitlhela motho yo medemone e duleng mo go ene, a ntse fa dinaong tsa ga Jesu, a apere, a ikutlwa sentle; mme ba boifa.

36 Mme ba ba bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke medemone a thusitsweng ka teng.

37 Ke fa batho botlhe ba ba mo tikologong ya Bagerasa ba rapela Jesu gore a tloge mo go bone; gonne ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo. Mme a palama mokoro, a boa.

38 Jaanong monna yo medemone e duleng mo go ene a mo rapela gore a nne nae; mme Jesu a mo naya tsela a re:

39 “Boela kwa ntlong ya gago, o bolele dilo tse dikgolo tse Modimo o di go diretseng.” Monna yoo a tloga, a tumisa mo motseng otlhe dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng.


Morwadia Jairo. Mosadi wa tshologo ya madi
( Math. 9:18-26 ; Mar. 5:21-43 )

40 Ya re Jesu a boa, batho ba bantsi ba mo tshola ka boitumelo; gonne ba ne ba mo letetse botlhe.

41 Mme bonang, ga tla monna yo leina la gagwe e leng Jairo, e le tlhogo ya senagoge. Yoo a wela fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a tsene mo ntlong ya gagwe;

42 gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya.

43 Jaanong ga tla mosadi yo o sa leng a bolawa ke tshologo ya madi dinyaga di le 12, mme a feditse tsotlhe tse a phelang ka tsona mo dingakeng, mme go se ope yo o ka mo fodisang,

44 a tla fa morago ga gagwe, a ama momeno wa seaparo sa gagwe. Ka bonako tshologo ya madi ya ema mo go ene.

45 Ke fa Jesu a re: “Ke mang yo o nkamileng?” Ya re ba itatola botlhe, Petoro le ba ba nang nae ba re: “Moruti, bontsi bo go pitlagantse, ba kataganye fa go wena.”

46 Mme Jesu a re: “Mongwe o nkamile; gonne ke ikutlwile gore thata e dule mo go nna.”

47 Ya re mosadi a bona, fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a ipolela fa pele ga batho botlhe se a se mo ametseng le ka fa a akofileng a fola ka teng.

48 Ya baa gona Jesu a mo rayang a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso.”

49 Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe a tswa kwa ga gabo molaodi wa senagoge, a mo raya a re: “Morwadio o sule; se tlhole o lapisa Moruti.”

50 Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “Se boife; dumela fela, mme ngwana o tla phedisiwa.”

51 Ya re a tsena mo ntlong, a se ka a letlelela ope go tsena nae, fa e se Petoro le Johane le Jakobo le rramosetsana le mmaagwe.

52 Botlhe ba bo ba lela, ba mo hutsafalela. Mme Jesu a re: “Se leleng; gonne ga a a swa, o robetse.”

53 Mme ba mo tshega, ka ba itse gore o sule.

54 Jesu a mo tshwara seatla, a mo raya a re: “Ngwanaka, tsoga!”

55 Ke fa mowa wa gagwe o boa, mme a tsoga ka bonako. Jesu a laola gore a fiwe dijo.

56 Bagolo ba gagwe ba gamarega; mme Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope se se dirafetseng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan