Luke 7 - Setswana 1970Molaodi wa kwa Kaperenaume ( Math. 8:5-13 ) 1 E rile a sena go wetsa dipolelo tsotlhe tseo tsa gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume. 2 Teng go ne go le molaodi-wa-lekgolo mongwe, a na le motlhanka yo a mo ikanyang thata, a lwala, a le gaufi le go swa. 3 Ya re a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolo ba Bajuta kwa go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. 4 Ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela ka tlhoafalo ba re: “Go mo tshwanetse, mo direle jalo; 5 gonne o rata setšhaba sa rona, e bile ke ene yo o re agetseng senagoge.” 6 Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye; gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me. 7 Ke ka moo ke ikaileng gore ga ke a tshwanela go tla koo go wena; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola. 8 Gonne le nna ke motho yo ke beilweng ka fa tlase ga taolo, ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me; ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe, ke re: ‘Tlaya!’ a tle, le motlhanka wa me, ke re: ‘Dira se!’ mme a se dire.” 9 Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo gakgamalela, a ba a retologela kwa bathong ba ba mo setseng morago a re: “Ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kalokalo, le fa e le mo lseraele.” 10 Jaanong ya re ba ba romilweng ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka yo o neng a lwala a fodile. Lekau la kwa Naine 11 Ya re kamoso a ya kwa motseng o o bidiwang Naine, mme barutwa ba gagwe ba ya nae, le batho ba bantsi. 12 Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae. 13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.” 14 Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!” 15 Moswi a kanamologa, a simolola go bua, mme Jesu a mo neela mmaagwe. 16 Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.” 17 Polelo eo ka ga gagwe ya utlwala mo Jutea yotlhe le mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong. Barongwi ba ga Johane Mokolobetsi ( Math. 11:2-19 ) 18 Jaanong barutwa ba ga Johane ba ya, ba mmegela dilo tsotlhe tseo. 19 Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?” 20 Ya re banna bao ba fitlha kwa go ene, ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwano go wena a re: ‘A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?’ ” 21 Mo nakong eo a bo a fodisa ba le bantsi malwetse le matlhoko le mewa e e bosula, a naya difofu di le dintsi go bona. 22 Mme a ba araba a re: “Tsamayang, lo bolelele Johane tse lo di bonyeng le tse lo di utlwileng: Difofu di a bona, digole di a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele. 23 Mme go sego yo o sa kgopisegeng ka ga me.” 24 E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo? 25 Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi. 26 Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le moporofeti? Ee, ke lo raya ke re: E bile ke yo o fetang moporofeti. 27 Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bonang, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago.’ 28 Gonne ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ope yo o leng mogolo go feta Johane; mme yo o leng mmotlana mo pusong ya Modimo o mogolo go mo feta.” 29 Batho botlhe, le bone bakgethisi ba utlwile, ba ineela mo Modimong ka go kolobediwa ka kolobetso ya ga Johane. 30 Bafarisai le Baitse-molao bone ba nyatsa maikaelelo a Modimo a go ba thusa, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene. 31 Morena a ba a re: “Kana batho ba kajeno nka ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le eng? 32 Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo patlelong, ba bitsana ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; re lo opeletse tse di ledisang, mme ga lo a ka lwa lela.’ 33 Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe weine; mme lo a re: ‘O na le modemone.’ 34 Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’ 35 Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.” Jesu o tlodiwa dinao 36 Jaanong mongwe wa Bafarisai a mo kopa gore a je nae. Jesu a tsena mo ntlong ya gagwe, a nna fa dijong. 37 Mme bonang, mosadi mongwe wa motse yo e leng moleofi a utlwa gore o ntse fa dijong mo ntlong ya Mofarisai, a tsisa setlolo ka modutwana wa alabasetere, 38 a ema ka fa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela, a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe, a nna a mo atla dinao, a di tlotsa ka setlolo. 39 Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.” 40 Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.” Ene a re: “Moruti, bua.” 41 Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano. 42 Mme ya re ka ba se na sepe se ba ka lefang ka sona, a phimola molato wa bona ka bobedi. Jaanong yo o tla mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?” 43 Simone a araba a re: “Ke gopola gore e tla nna ene yo a mo itshwaretseng go le gogolo.” Jesu a mo raya a re: “O atlhotse sentle.” 44 Jaanong a retologela kwa mosading, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsenye mo ntlong ya gago, mme ga o a ka wa mpha metsi a go tlhapa dinao; mme ene o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a ba a di phimola ka moriri wa gagwe. 45 Wena ga o a ka wa nkatla; mme ene, fa e sa le a tsena ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao. 46 Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme ene o ntloditse dinao ka setlolo. 47 Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.” 48 Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.” 49 Ba ba ntseng nae fa dijong ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo e bileng a itshwarela dibe?” 50 Jesu a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go pholositse; tsamaya ka kagiso!” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa