Luke 6 - Setswana 1970Jesu ke Morena wa Sabata ( Math. 12:1-8 ; Mar. 2:23-28 ) 1 E rile ka Sabata sengwe a ralala masimo; barutwa ba gagwe ba roba diako, ba di sogotlhela mo diatleng, ba ja. 2 Bafarisai bangwe ba ba raya ba re: “Lo direlang se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata?” 3 Jesu a ba araba a re: “A ga lo ise lo buise se Dafita o se dirileng, fa a tshwerwe ke tlala, ene le ba ba neng ba na nae, 4 jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, a tsaya dinkgwe tsa tshupo, a ja, a ba a naya le ba ba neng ba na nae, etswe e le tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se baperesiti fela?” 5 A ba a ba raya a re: “Morwa-Motho ke Morena wa Sabata.” Phodiso ya monna wa seatla se se omeletseng ( Math. 12:9-14 ; Mar. 3:1-6 ) 6 E rile ka Sabata se sengwe a tsena mo senagogeng, a ba a ruta. Ga bo go le motho teng yo seatla sa gagwe se se jang se neng se omeletse. 7 Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo lepa gore a o tla fodisa ka Sabata, e le gore ba bone ka fa ba ka mmayang molato ka teng, 8 mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng. 9 Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re: Se se letleletsweng go dirwa ka Sabata ke eng? A ke go dira molemo, gongwe go dira bosula? A ke go pholosa bophelo, gongwe go bo senya?” 10 A ba leba botlhe tikologong, a ba a raya motho yoo a re: “Otlola seatla!” A dira jalo, seatla sa gagwe sa fola, sa nna jaaka se sengwe. 11 Ke fa bone ba tlala bogale jwa botsenwa, ba botsanya se ba ka se dirang Jesu. Go tlhaolwa ga ba ba 12 ( Math. 10:2-4 ; Mar. 3:13-19 ) 12 Mo malatsing ao a tswela kwa thabeng go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe. 13 Ya re bo sa, a bitsa barutwa ba gagwe, a ba a itlhaolela ba ba 12 mo go bone, a ba bitsa baapostolo, e bong: 14 Simone yo e bileng a mmitsa Petoro, le Andrea morwa-rraagwe, le Jakobo le Johane, le Filipo le Baretolomeo, 15 le Matheo le Thomase, le Jakobo wa ga Alefeo, le Simone yo o bidiwang Selote, 16 le Juta wa ga Jakobo, le Jutase Isekariote, yo o tlogileng a mo tswa ka bolotsana. Thero ya kwa Thabeng (Math. 5 – 7) 17 Ya re a sena go fologa nabo, a ema mo felong gongwe, fa go leng lobala, a na le bontsi jo bogolo jwa barutwa ba gagwe, le lesomo le legolo la ba ba tswang mo Jutea yotlhe le Jerusalema le kwa Tiro le Sitone fa lewatleng, 18 ba ba tsileng go mo utlwa le go fodisiwa malwetse a bone; le ba ba tshwenngwang ke mewa e e itshekologileng ba fodisiwa. 19 Bontsi jotlhe jwa senka go mo ama; ka gonne thata e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe. Ba e leng ba lesego le ba e seng bone ( Math. 5:1-12 ) 20 Jaanong a tlhatlosa matlho, a leba barutwa ba gagwe a re: “Go sego lona bahumanegi; gonne puso ya Modimo ke ya lona. 21 Go sego lona ba jaanong lo tshwerweng ke tlala; gonne lo tla kgorisiwa. Go sego lona ba jaanong lo lelang; gonne lo tla tshega. 22 “Go sego lona, motlhang batho ba lo tlhoang, ba lo tlhanogela, ba lo kgoba, ba nyefola maina a lona jaaka e kete a bosula, ka ntlha ya Morwa-Motho. 23 Lo itumeleng ka letsatsi leo, lo be lo ipele; gonne, itseng, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti fela jalo. 24 “Mme a tatlhego ya lona wee, ba lo humileng; gonne kgomotso ya lona lo setse lo e amogetse! 25 A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo itladitseng dimpa; gonne lo tla bolawa ke tlala! A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo tshegang; gonne lo tla hutsafala lo lela! 26 “Go latlhega lona, fa batho botlhe ba bua sentle ka ga lona; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti ba maaka fela jalo. Ditiro tse di tshwanetseng motho ( Math. 5:38-48 ; 7:12 a) 27 “Mme lona ba lo reeditseng, ke lo raya ke re: “Ratang baba ba lona; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo. 28 Tshegofatsang ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo kgobang. 29 Yo o go fapholang mo lesameng lengwe, o mo neele le le lengwe; yo o go tseelang kobo, le yona kojwana o se ka wa gana ka yona. 30 Naya mongwe le mongwe yo o go kopang; yo o go tseelang tsa gago, o se ka wa di batla gape mo go ene. 31 Direlang batho fela jaaka lo rata ba lo direla. 32 “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tebogo efe fa pele ga Modimo? Kana baleofi le bone ba rata ba ba ba ratang. 33 Fa lo direla bone molemo ba ba lo direlang molemo, lo na le tebogo efe? Kana baleofi le bone ba dira jalo. 34 Fa lo adima bone fela ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo na le tebogo efe? Baleofi le bone ba adima baleofi gore ba amogele mo go kalo gape. 35 Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula. 36 Nnang kutlwelo-botlhoko, fela jaaka Rraeno a le kutlwelo-botlhoko. Ka ga go atlhola ba bangwe ( Math. 7:1-5 ) 37 “Le gona, lo se ka lwa atlhola, mme ga lo nke lo atlholwa. Se boneng ope molato, mme ga lo nke lo bonwa molato. Itshwareleng, mme lo tla itshwarelwa. 38 Nayang, mme lo tla newa. Selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se kgotlhokgoditsweng, se se tshologang, ba tla se lo naya mo dihubeng tsa lona; gonne selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla be lo lekanyediwa ka sona.” 39 Le gona a bua nabo ka setshwantsho a re: “A sefofu se ka goga sefofu? A ga di nke di wela mmogo mo lengopeng? 40 Morutwa ga a mogolo go feta yo o mo rutang; mme mongwe le mongwe yo o rutegileng o tla nna jaaka yo o mo rutileng. 41 “O lebelang lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena, mme o sa lemoge kota e e mo leitlhong la gago? 42 Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena. Setlhare se itsiwe ka maungo a sona ( Math. 7:16-20 ; 12:33-35 ) 43 “Gonne ga go na setlhare se se siameng se se a tleng se ungwe leungo le le bosula; le gona, ga go setlhare se se sa siamang se se a tleng se ungwe leungo le le monate. 44 Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung. 45 Motho yo o molemo o ntsha se se molemo mo lohumong lo lo molemo lwa pelo ya gagwe; mme yo o bosula o ntsha se se bosula mo lohumong lo lo bosula; gonne se se tletseng ka pelo se tshologa ka molomo. Motheo o o tlhomameng ( Math. 7:24-27 ) 46 “Lo mpiletsang ‘Morena, Morena,’ lo sa dire tse ke di buang? 47 Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go nna, a utlwa mafoko a me, a a dirisa, ke tla lo supetsa yo a tshwanang nae: 48 O tshwana le motho yo o agileng ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela o tla, metsi a a tlang ka thata a itaaka ntlo eo; mme a retelelwa ke go e tshikinya, ka e agilwe sentle. 49 Mme yo o utlwang, a sa dirafatse, o tshwana le motho yo o neng a aga ntlo fa fatshe, e se na motheo, ya re metsi a a tlang ka thata a e itaaka, ya akofa ya wa, go ribegela ga ntlo eo ga nna gogolo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa