Luke 4 - Setswana 1970Thaelo ( Math. 4:1-11 ; Mar. 1:12 , 13 ) 1 Jaanong Jesu a boa kwa Joretane, a tletse Mowa o o Boitshepo, a ba a gogelwa ke Mowa kwa le kwa mo sekakeng 2 ka malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Diabolo; mme a sa je sepe mo malatsing ao; ya re a sena go feta, Jesu a tshwarwa ke tlala. 3 Jaanong Diabolo a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, raya lentswe le, le fetoge senkgwe.” 4 Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela, mme o phela ka Lefoko lengwe le lengwe la Modimo.’ ” 5 Foo Diabolo a mo tlhatlosetsa kwa thabeng e e godimo, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho. 6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya borena jotlhe jo, le kgalalelo ya jona; gonne ke bo filwe, mme ke bo naya yo ke ratang go bo mo naya. 7 Jaanong, fa o ka nkobamela, e tla nna jwa gago jotlhe.” 8 Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Obamela Morena, Modimo wa gago, o direle ena a le esi fela.’ ” 9 Ke fa a mo gogela kwa Jerusalema, a mo emisa mo setlhoeng sa Tempele, a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, o le fano; 10 gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tla laela baengele ba gagwe ka ga gago gore ba go boloke’; 11 le gona ga twe: ‘Ba tla go kuka ka diatla, e se re gongwe dinao tsa gago tsa kgopiwa ke lentswe.’ ” 12 Jesu a mo fetola a re: “Go tilwe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago.’ ” 13 Ya re Diabolo a sena go wetsa thaelo yotlhe, a mo tlogela go ya go fitlha nakong e e lebanyeng. Jesu o lelekwa mo Nasaretha ( Math. 4:12-17 ; Mar. 1:14 , 15 ) 14 Jesu a boela kwa Galelea ka thata ya Mowa; mme tumo ya gagwe ya tswela mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong. 15 A ruta mo disenagogeng tsa bone, a tlotlomadiwa ke botlhe. 16 A fitlha mo Nasaretha, kwa a goletseng teng, a ba a tsena mo senagogeng ka letsatsi la Sabata ka fa tlwaelong ya gagwe, mme a ema gore a buise. 17 Foo a neelwa lokwalo lwa moporofeti Jesaya. Ya re a phutholola lokwalo, a bona felo fa go kwadilweng teng ga twe: 18 “Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe, 19 go bolela ngwaga o o monate wa Morena.” 20 Ya re a sena go phutha lokwalo le go lo neela modiredi, a nna fa fatshe, mme botlhe ba ba mo senagogeng ba ne ba mo tsepile matlho. 21 Jaanong a simolola go ba raya a re: “Se se kwadilweng fa, se dirafetse kajeno, lwa se ikutlwela.” 22 Botlhe ba supa ka ga gagwe, ba gakgamalela mafoko a a monate a a tswang mo molomong wa gagwe ba re: “Yo, a ga se morwa Josefa?” 23 A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ” 24 A ba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga go moporofeti ope yo o lebosegang mo motseng wa ga gabo. 25 “Mme ka boammaaruri ke lo raya ke re: Go ne go le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo malatsing a ga Elia, fa legodimo le tswetswe dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, go le tlala e kgolo mo lefatsheng lotlhe; 26 mme Elia ga a ka a rongwa kwa go ope wa bone, fa e se kwa Sarefathe mo lefatsheng la Sitone kwa mosading wa motlholagadi. 27 E bile go ne go le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya ga Elisa moporofeti; mme ga go a ka go fodisiwa ope wa bone, fa e se Naamane wa Mosiria.” 28 Ya re ba utlwa dilo tseo, botlhe ba ba mo senagogeng ba tlala bogale, 29 ba nanoga ba mo kgarameletsa kwa ntle ga motse, ba mo isa kwa makgotlhong a thaba e motse wa bone o agilweng mo go yona, gore ba mo digele kwa tlase. 30 Mme ene a ba ralala, a tsamaya. Phodiso ya monna yo o nang le mowa o o bosula ( Math. 4:13 ; Mar. 1:21-28 ) 31 Jaanong a ya kwa Kaperenaume, motseng wa Galelea, a ba ruta ka malatsi a Sabata, 32 mme ba gamaregela thuto ya gagwe, ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata. 33 Mo senagogeng ga bo go le motho yo o nang le mowa wa modemone o o itshekologileng a goela godimo 34 a re: “Ao! Re na le eng le wena, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke go itse gore o mang, o Moitshepi wa Modimo.” 35 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” Mme ya re modemone o sena go mo piriganyetsa mo gare ga bone, wa tswa mo go ene, o sa mo utlwisa botlhoko. 36 Foo botlhe ba tshoga ka kgakgamalo, ba raana ba re: “Lefoko le ke la eng? Ka gonne o laola mewa e e itshekologileng ka thata le ka nonofo, mme e tswe.” 37 Mme tumo ya gagwe ya tswela kwa mafelong otlhe a lefatshe le le mo tikologong. Phodiso ya mogwagwadia Simone le ya balwetse ba bangwe ( Math. 8:14-17 ; Mar. 1:29-39 ) 38 Jaanong a nanoga, a tswa mo senagogeng, a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mogwagwadia Simone a bo a tuka bolelo thata, mme ba mo mo rapelela. 39 Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla. 40 Ya re letsatsi le phirima, botlhe ba ba nang le ba ba lwalang malwetse a mefutafuta ba ba tsisa kwa go ene; a baya mongwe le mongwe wa bone diatla, a ba fodisa. 41 Medemone le yona ya tswa mo go ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e lesa go bua; gonne e ne e itse gore ke ene Keresete. Jesu o rera Efangele 42 Ya re bo sa, a tswa a ya felong gongwe fa go senya; mme batho ba mmatla ka bontsi, ba tla kwa go ene, ba mo thibela gore a se ba tlogele. 43 A ba raya a re: “Le metse e mengwe ke tshwanetse go e rerela Efangele ya puso ya Modimo; gonne ke se ke se rometsweng.” 44 Mme a nna a rera mo disenagogeng tsa Galelea. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa