Luke 3 - Setswana 1970Go rera ga Johane Mokolobetsi ( Math. 3:1-12 ; Mar. 1:2-8 ; Joh. 1:19-34 ) 1 E rile ka ngwaga wa 15 wa puso ya Kaisara Tiberio, fa Pontio Pilato a le molaodi wa Jutea, le Herote a le kgosi ya Galelea, le Filipo morwa-rraagwe a le kgosi ya Iturea le lefatshe la Teragoniti, le Lesania a le kgosi ya Abilene, 2 le Hanase le Kaifase e le baperesiti ba bagolo, Lefoko la Modimo la tla kwa go Johane, morwa Sagaria, a le mo sekakeng. 3 Jaanong a fitlha mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya tlhabologo e e isang boitshwarelong jwa dibe, 4 ka fa go kwadilweng ka teng mo lokwalong lwa mafoko a ga Jesaya wa Moporofeti ga twe: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe! 5 A dikhuti tsotlhe di katelwe, dithaba tsotlhe le dithota di phadimolwe; ditsela tse di manyokenyoke di tlhamaladiwe, tse di magwata di rethefadiwe! 6 Foo batho botlhe ba tla bona pholoso ya Modimo.’ ” 7 Ya baa gona a rayang masomo a batho ba ba tsileng go kolobediwa ke ene a re: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo tlhagisitswe ke mang go tila bogale jo bo tlang? 8 Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a. 9 Mme le gona selepe se setse se beilwe mo meding ya ditlhare; jaanong he, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se tla rengwa, se latlhelwa mo molelong.” 10 Foo batho ba mmotsa ba re: “Jaanong re dire eng?” 11 A ba araba re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang epe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.” 12 Bakgethisi le bone ba tla go kolobediwa, ba mmotsa ba re: “Moruti, rona re dire eng?” 13 A ba raya a re: “Se kgethiseng go fetisa mo lo go laetsweng.” 14 Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.” 15 Ya re batho ba le mo tebelelong, mme botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane gore a jaana ga e ka ne e le ene Keresete, 16 Johane a ba raya botlhe a re: “Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme go tla tla yo o nonofileng bogolo go nna, yo ke sa lekanang go funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe; ene yoo o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo. 17 Loselo lwa gagwe lo mo seatleng sa gagwe go olosetsa ruri se se mo seboaneng sa gagwe, le go phuthela mabele mo sefaleng sa gagwe, mme moko o tla o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.” 18 A nna a rerela batho Efangele, a ba laya le ka mafoko a mantsi a mangwe. Johane o a golegwa 19 Jaanong ya re kgosi Herote a kgalemelwa ke ene ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe le ka ntlha ya tsotlhe tse di bosula tse Herote a di dirileng, 20 a fela a oketsa tsotlhe tseo ka go tswalela Johane mo ntlong ya kgolegelo. Kolobetso ya ga Jesu ( Math. 3:13-17 ; Mar. 1:9-11 ; Joh. 1:32 ) 21 Ya re batho botlhe ba kolobediwa, Jesu le ene a sena go kolobediwa, mme a rapela, legodimo la bulega, 22 mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene ka popego ya lephoi, mme ga utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang, yo ke go itumelelang.” Lotso lwa ga Jesu ( Math. 1:1-17 ) 23 E rile Jesu a simolola go ruta, a bo a na le dinyaga tse di ka neng di le 30, mme – jaaka go ne go gopolwa – ya bo e le morwa Josefa, wa ga Eli, 24 wa ga Mathate, wa ga Lefi, wa ga Melegi, wa ga Janai, wa ga Josefa, 25 wa ga Mathatia, wa ga Amose, wa ga Nahume, wa ga Esedi, wa ga Nagai, 26 wa ga Maathe, wa ga Mathatia, wa ga Simei, wa ga Josega, wa ga Jota, 27 wa ga Joanane, wa ga Resa, wa ga Serubabele, wa ga Salathiele, wa ga Neri, 28 wa ga Melegi, wa ga Adi, wa ga Kosame, wa ga Elematame, wa ga Ere, 29 wa ga Jesua, wa ga Eliesere, wa ga Jorime, wa ga Mathate, wa ga Lefi, 30 wa ga Simeone, wa ga Juta, wa ga Josefa, wa ga Joname, wa ga Eliakime, 31 wa ga Melea, wa ga Menane, wa ga Mathata, wa ga Nathane, wa ga Dafita, 32 wa ga Isai, wa ga Obete, wa ga Boase, wa ga Salema, wa ga Nasone, 33 wa ga Aminatabe, wa ga Rame, wa ga Heserone, wa ga Pherese, wa ga Juta, 34 wa ga Jakobe, wa ga Isaka, wa ga Aborahame, wa ga Thara, wa ga Nahore, 35 wa ga Seruge, wa ga Rehu, wa ga Phelege, wa ga Ebere, wa ga Sela, 36 wa ga Kenane, wa ga Arephagasadi, wa ga Seme, wa ga Noa, wa ga Lamege, 37 wa ga Methusala, wa ga Henoge, wa ga Jarete, wa ga Mahalalele, wa ga Kenane, 38 wa ga Enose, wa ga Sethe, wa ga Atame, wa Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa