Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 24 - Setswana 1970


Tsogo
( Math. 28:1-8 ; Mar. 16:1-8 ; Joh. 20:1-13 )

1 E rile ka letsatsi la ntlha la beke, e sa le phakela, ba tla kwa phupung, ba tshotse makga a ba a baakantseng.

2 Ba fitlhela lentswe le pitikolotswe mo phupung.

3 Ya re ba tsena mo teng, ba se ka ba fitlhela setoto sa Morena Jesu.

4 Ya re ba sa ntse ba akabetse ka ntlha ya moo, ba bona banna ba le babedi ba eme fa go bone, ba apere diaparo tse di phatsimang.

5 Mme ya re ka ba boifa, mme ba obela difatlhego fa fatshe, banna bao ba ba raya ba re: “Lo batlelang mophedi mo baswing?

6 Ga a yo fa, mme o tsositswe. Gakologelwang ka fa a buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galelea

7 a re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go neelwa mo diatleng tsa batho ba ba boleo, le go bapolwa le go tsoga ka letsatsi la boraro.’ ”

8 Foo ba gakologelwa dipolelo tsa gagwe.

9 Ya re ba sena go boa kwa phupung, dilo tsotlhe tseo ba di bolelela ba ba 11 le ba bangwe botlhe.

10 E ne e le Maria Magtalena le Johana le Maria mma Jakobo le ba bangwe ba ba nang nabo, ba ba boleletseng baapostolo dilo tseo.

11 Mme dipolelo tse tsa utlwala mo go bone jaaka e kete ke ditlotlo fela mme ba se ka ba dumela basadi.

12 Petoro a nanoga, a sianela kwa phupung. Ya re a okomela mo teng, a bona masela a masweu a beilwe a le osi, a ba a boela kwa gae, a gakgamaletse se se dirafetseng.


Barutwa ba Emause
( Mar. 16:12 , 13 )

13 Jaanong ka lone letsatsi leo ba babedi ba bone ba ya kwa motsaneng wa Emause, o bokgakala jwa ona go tswa Jerusalema e neng e le dimaele tse di le robedi.

14 Ba buisanya ka ga dilo tsotlhe tseo tse di dirafetseng.

15 Ya re ba ntse ba buisanya, ba botsanya, Jesu ka esi a atamela, a tsamaya nabo.

16 Mme matlho a bone a bo a siregile, mo ba se kang ba mo itse.

17 A ba raya a re: “Mafoko a ke afe a lo a buisanyang lo ntse lo tsamaya?” Mme ba ema, ba hutsafetse.

18 Yo mongwe wa bone, e bong Keleopa, a mo araba a re: “A ke wena moeng o le wesi mo Jerusalema yo o sa itseng tse di dirafetseng teng mo malatsing ano?”

19 A ba raya a re: “Dilo dife?” Ba mo raya ba re: “Tsa ga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le monna wa moporofeti yo o thata mo tirong le mo lefokong fa pele ga Modimo le batho botlhe,

20 ka fa baperesiti ba bagolo le ba lekgotla le legolo ba rona ba mo neetseng ka teng go atlholelwa loso, ba mmapola.

21 Mme rona re ne re solofetse gore ke ene yo o tla gololang Iseraele. Le gona, kwa ntle ga dilo tsotlhe tse, kajeno e setse e le letsatsi la boraro, dilo tse di ntse di dirafetse.

22 E bile basadi bangwe ba ga rona ba re gakgamaditse, ba ba neng ba phaketse, ba ya kwa phupung.

23 Mme e rile ba sa fitlhele setoto sa gagwe, ba boa ba re, ba bonye pono ya baengele ba ba reng: ‘O phedile.’

24 Mme bangwe ba bone ba ba nang le rona ba ya kwa phupung, ba fitlhela go ntse fela jaaka basadi ba boletse; mme ene ba se ka ba mmona.”

25 Foo Jesu a ba raya a re: “Ao, basena-tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baporofeti ba di buileng!

26 A Keresete o ne a sa tshwanela go boga dilo tseo le go tsena mo kgalalelong ya gagwe.”

27 Jaanong a simolola ka Moše le ka baporofeti botlhe, a ba rarabololela tse di builweng ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.

28 Jaanong ya re ba atamela motsana o ba yang go ona, mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele,

29 ba mo emelela ba re: “Lala le rona; gonne go maitsiboa, letsatsi le setse le fetile.” Foo a tsena, a nna nabo.

30 Ya re a ntse nabo fa dijong, a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba abela.

31 Ke fa matlho a bone a sirologa, mme ba mo itse; a ba a nyelela mo ponong ya bone.

32 Jaanong ba raana ba re: “A dipelo tsa rona ga di a ka tsa tuka mo teng ga rona, fa a ntse a bua le rona mo tseleng, a re tlhalosetsa Dikwalo?”

33 Mme ba nanoga ka yona nako eo, ba boela kwa Jerusalema, ba fitlhela ba ba 11 ba phuthegile le ba ba nang nabo,

34 ba ba reng: “Ruri, Morena o tsogile, o bonywe ke Simone!”

35 Jaanong bone ba babedi ba bolela tse di dirafetseng mo tseleng le ka fa ba mo itsileng ka teng ka go nathoganya senkgwe.


Iponatso go Baapostolo
( Mar. 16:14-18 ; Joh. 20:19-23 ; 1 Bakor. 15:5 )

36 E rile ba ntse ba bua dilo tseo, ene ka esi a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona!”

37 Mme ba tshoga, ba boifa, ba itlhoma ba bona sedimo.

38 A ba a ba raya a re: “Lo huduegelang? Dipelaelo di tsogelang mo dipelong tsa lona?

39 Lebang diatla tsa me le dinao tse me; gonne ke nna ka nosi; mphopholeng lo bone. Sedimo ga se na nama le marapo, jaaka lo mpona ke na le tsona.”

40 Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le dinao.

41 Ya re ba ise ba dumele ka ntlha ya boitumelo, mme ba gakgametse, a ba raya a re: “A lo na le se se jewang fano?”

42 Ba mo naya lenatho la tlhapi e e besitsweng le la lomepe lwa dinotshe.

43 A di tsaya, a di ja fa pele ga bone.

44 A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”

45 Ya baa gona o sedimosang tlhaloganyo ya bone gore ba tlhaloganye Dikwalo.

46 A ba raya a re: “Go kwadilwe jalo, mme go ne go tshwanetse gore Keresete a boge, a be a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro,

47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

48 Lona lo basupi ba dilo tse.

49 Mme itseng, ke lo romela mpho e lo e solofeditsweng ke Rre. Lona lo nne mo motseng wa Jerusalema go tle go tsamae lo newe nonofo e e tswang kwa bogodimong.”


Tlhatlogo
( Mar. 16:19 ; Dit. 1:4-14 )

50 Jaanong a ba gogela kwa ntle go fitlha go lebagana le Bethania; a tsholetsa mabogo a gagwe, a ba tshegofatsa.

51 Ya re a ntse a ba tshegofatsa, a kgaogana nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong.

52 Foo ba mo obamela, ba be ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo;

53 ba nna mo Tempeleng ka gale, ba leboga Modimo, ba o baka.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan