Luke 23 - Setswana 1970Jesu o fa pele ga Pilato ( Math. 27:1 , 2 , 11-14 ; Mar. 15:1-5 ; Joh. 18:28-38 ) 1 Jaanong lekoko lotlhe la bone la nanoga, la mo isa go Pilato. 2 Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.” 3 Pilato a mmotsa a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?” A mo araba a re: “O bolela jalo.” 4 Foo Pilato a raya baperesiti ba bagolo le matshutitshuti a batho a re: “Ga ke bone molato ope mo mothong yo.” 5 Mme bone ba tatalala ba re: “O hudua batho ka go rutaruta mo Jutea yotlhe; o simolotse kwa Galelea go fitlha fano.” Jesu o fa pele ga Herote 6 Ya re Pilato a utlwa ka ga Galelea, a botsa gore a motho yo ke Mogalelea. 7 Ya re a sena go tlhaloganya gore ke wa taolo ya ga Herote, a mo romela go Herote, yo le ene o ne a le mo Jerusalema ka malatsi ao. 8 E rile Herote a bona Jesu, a itumela thata; gonne o ne a sa bolo go eletsa go mmona, ka a ne a utlwile ka ga gagwe; mme a solofela gore o tla bona sesupo sengwe se dirwa ke ene. 9 A mmotsa mafoko a mantsi; mme ene a se ka a mo araba sepe. 10 Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba ema ba mo latofatsa ka kgakalo. 11 Herote a mo nyatsa mmogo le badiredi ba gagwe, a mo sotla; a ba a mo apesa seaparo se se phatsimang, a mmusetsa kwa go Pilato. 12 Mme Herote le Pilato ba tsalana ka letsatsi leo; gonne e rile pele ba bo ba tlhoanye. Jesu o atlholelwa loso ( Math. 27:15-26 ; Mar. 15:6-15 ; Joh. 18:39 – 19:16) 13 E rile Pilato a sena go phutha baperesiti ba bagolo le banna ba lekgotla le legolo le morafe, 14 a ba raya a re: “Lo tsisitse motho yo kwano go nna, jaaka mongwe yo o faposang batho. Kana ke mmotsoloditse fa pele ga lona, mme ka se ka ka bona molato ope mo go ene wa tse lo mo latofatsang ka tsona. 15 Nnyaya, le e seng Herote; gonne o mmuseditse kwano go rona; mme bonang, ga go sepe se a se dirileng se se tshwanetseng loso. 16 Ka moo ke tla mo watlhaya ke be ke mo golola.” 17 Kana o ne a tshwanetse go ba gololela mongwe ka moletlo. 18 Jaanong ba goela gongwe ba re: “Tlosa yo, mme o re gololele Barabase.” 19 Yoo o ne a tsentswe mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya pheretlho nngwe e e dirilweng mo motseng, le ka ntlha ya polao. 20 Mme Pilato a bua nabo gape, ka a rata go golola Jesu. 21 Fela ba goa gape ba re: “Mmapole, mmapole!” 22 A boa a ba raya lwa boraro a re: “Kana yo, o dirile bosula bofe? Ga ke a bona molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene; ka moo ke tla mo watlhaya ke be ke mo golola.” 23 Mme ba mo emelela ka mantswe a magolo, ba mo pateletsa gore a bapolwe, mme mantswe a bone le a baperesiti ba bagolo a fenya. 24 Ke fa Pilato a atlhola gore go dirwe ka fa ba batlang ka teng. 25 A ba a golola yo o ne a tsentswe mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya pheretlho le polao, yo ba mo lopileng; mme Jesu ene a mo neela mo thatong ya bone. Jesu o mo tseleng go ya Golegotha ( Math. 27:32 ; Mar. 15:21 ) 26 E rile ba mo isa polaong, ba tshwara mongwe, e bong Simone wa Kirene, a tswa kwa tshimong, ba mmelesa sefapaano gore a se sikare fa morago ga Jesu. 27 Jaanong lekoko le legolo la batho la mo sala morago, le la basadi ba ba bileng ba ithwele megono, ba mo lelela. 28 Foo Jesu a retologela kwa go bone a re: “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, bogolo lo itelele, lo be lo lelele bana ba lona; 29 gonne itseng, malatsi a e tla, a ba tla buang ka ona ba re: ‘Go sego meopa le mebele e e iseng e ke e belege le mabele a a iseng a ke a amuse.’ 30 Foo ba tla simolola go raya dithaba ba re: ‘Re weleng godimo!’ le makgabana ba re: ‘Re khurumetseng!’ 31 Gonne fa ba dira dilo tse mo setlhareng se setala, go tla dirafalang mo go se se omeletseng?” 32 Ga ba ga isiwa basenyi bangwe ba le babedi go bolawa nae. Papolo ( Math. 27:33-44 ; Mar. 15:22-32 ; Joh. 19:17-27 ) 33 E rile ba fitlha mo felong fa go bidiwang “Logata”, ba mmapolela teng le basenyi bao, mongwe ka fa letsogong le le jang, yo mongwe ka fa go la molema. 34 Jesu a bua a re: “Rara, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tlhama tengwa. 35 Batho ba eme ba lebile. Mme banna ba lekgotla le legolo ba nna ba mo kgoba ba re: “O pholositse ba bangwe, a a ipholose, fa e le ene Keresete, Motlhaolwi wa Modimo.” 36 Le batlhabani ba mo sotla, ba tla go ene, ba mo tsisetsa motatsa 37 ba re: “Fa o le Kgosi ya Bajuta, ipholose.” 38 Mme ga bo go le sekwalo fa godimo ga gagwe, se se kwadilweng ka ditlhaka tsa Segerika le Seroma le Sehebere se re: “YO KE KGOSI YA BAJUTA.” 39 Mongwe wa basenyi ba ba pegilweng a mo kgala a re: “A ga o Keresete ne? Ipholose, le rona o re pholose.” 40 Yo mongwe a fetola, a mo kgalemela a re: “A le wena ga o boife Modimo, etswe o atlhotswe fela jaaka ene? 41 Kana, fa e le rona, go re siametse; gonne re bona tse di tshwanetseng tse re di dirileng; mme yo, ene ga a dira sepe se se sokameng.” 42 A ba a raya Jesu a re: “Morena, o nkgopole motlhang o tsenang mo bogosing jwa gago.” 43 Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng.” Loso lwa ga Jesu ( Math. 27:45-56 ; Mar. 15:33-41 ; Joh. 19:28-30 ) 44 Jaanong e ne e setse e ka nna nako ya motshegare; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama, 45 letsatsi la fifala; lesire la Tempele la gagoga ka bogare. 46 Foo Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Rara, ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago!” Ya re a sena go bua jalo, a ntsha mowa. 47 E rile molaodi-wa-lekgolo a bona se se dirafetseng, a galaletsa Modimo a re: “Ruri, motho yo e ne e le mosiami.” 48 Mme batho botlhe ba ba neng ba phuthegetse go bona pono e, ya re ba bona tse di dirafetseng, ba itshôla, ba boa. 49 Botlhe ba ba itsanyeng nae, le basadi ba ba neng ba mo setse morago ba tswa Galelea, ba ne ba emetse kgakala, ba lebile dilo tseo. Phitlho ( Math. 27:57-61 ; Mar. 15:42-47 ; Joh. 19:38-42 ) 50 Jaanong go ne go le monna mongwe, leina la gagwe e le Josefa yo e leng monna wa lekgotla, e le monna yo o molemo, yo o siameng 51 – ene o ne a sa dumelana le katlholo ya bona le tiro ya bona – e le wa Arimathea, motse wa Bajuta, yo o neng a letetse puso ya Modimo. 52 Yoo a ya kwa go Pilato, a kopa setoto sa ga Jesu. 53 Ya re a sena go se pagolola, a se phuthela ka lesela le lesweu, a se baya mo lebitleng le le gabilweng mo lefikeng, le go iseng go ke go ladiwe ope mo go lone. 54 E ne e le letsatsi la Iketleetso, mme Sabata o ne a atametse. 55 Basadi ba ba neng ba dule nae kwa Galelea, ba bo ba mo setse morago, ba bona phupu le ka fa serepa sa gagwe se laditsweng ka teng. 56 Ya re ba sena go boa, ba baakanya makga le ditlolo; mme ba ikhutsa ka Sabata ka fa molaong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa