Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 21 - Setswana 1970


Kabelo ya motlholagadi
( Mar. 12:41-44 )

1 Ya re Jesu a tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dikabelo tsa bone mo letloleng la Modimo.

2 A ba a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela madinyana a le mabedi teng.

3 Jaanong a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Motlholagadi yo o humanegileng yo, o latlhetse go feta botlhe;

4 gonne botlhe ba, ba latlhetse tsa letlotlo la bone mo dikabelong tsa Modimo, mme ene o latlhetse tsa lehuma la gagwe, e bong tsotlhe tse a nang natso, a phelang ka tsona.”


Polelelopele ka ga tshenyo ya Tempele
( Math. 24:1 , 2 ; Mar. 13:1 , 2 )

5 Ya re bangwe ba bua ka ga Tempele gore e kgabisitswe ka majwe a mantle le ka dineo tse di neetsweng Tempele, a bua a re:

6 “Fa e le tse lo di bonang tseo, malatsi a tla tla a go se kitlang go lesiwa lentswe lepe ka ona le tlhatlaganye le le lengwe, le le se kitlang le digwa.”


Ka ga tshimologo ya ditlalelo
( Math. 24:3-14 ; Mar. 13:3-13 )

7 Ba mmotsa ba re: “Moruti, kana dilo tse di tla nna leng? Gape sesupo sa nako e di tla dirafalang ka yona ke sefe?”

8 Mme a re: “Lo itise gore lo se timediwe! Gonne ba bantsi ba tla tla ka leina la me, ba ipitsa ba re: ‘Ke nna Keresete’; gape ba re: ‘Nako e atametse.’ Lo se ka lwa ba sala morago.

9 Mme mogang lo utlwelang dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa rerega; gonne tseo di tshwanetse go dirafala pele. Mme bokhutlo ga bo nke bo tla ka pele.”

10 Gape a ba raya a re: “Morafe o tla tsogela morafe, le bogosi bo tla tsogela bogosi.

11 Go tla nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le malwetse a leroborobo, le ditlala kwa le kwa. Go tla nna dipoitshego le ditshupo tse dikgolo di tswa mo legodimong.

12 Fela, pele ga dilo tsotlhe tseo ba tla lo tshwara, ba lo bogisa, ba lo neela mo disenagogeng le mo matlong a kgolegelo, ba lo gogela fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me.

13 Mme moo go tla lo dirafalela gore go supege ka ga me.

14 Ka moo, elang tlhoko gore lo se ka lwa akanyetsa kwa pele ka fa lo tla ikarabelang ka teng;

15 gonne nna ke tla lo naya molomo le botlhale o baganetsi botlhe ba lona ba se kitlang ba kgona go emelana najo, le fa e le go bo ganetsa.

16 Mme le gona lo tla tshwarisiwa ke bagolo ba lona le bomorwa-rraalona le ba ga lona le ditsala; ba bile ba tla bolaya bangwe ba lona.

17 Lo tla nna ba ba ilegang mo go botlhe ka ntlha ya leina la me.

18 Mme le fa e le thiri e le nngwe ya ditlhogo tsa lona, ga e nke e nyelela.

19 Lo tla bona maphelo a lona ka tshwarelelo ya lona.


Pitlagano e kgolo
( Math. 24:15-25 ; Mar. 13:14-23 )

20 “E re lo bona Jerusalema o dikanyeditswe ka ntwa ke mephato, lo be lo itse gore go senngwa ga ona go atametse.

21 Foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; ba ba mo teng ga motse a ba tswe; ba ba kwa nageng a ba se tsene mo go ona.

22 Gonne ‘ao ke Malatsi a Pusoloso’ gore tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale.

23 Go latlhega ba baimana le ba ba amusang mo malatsing ao! Gonne go tla nna tlalelo e kgolo mo lefatsheng le petso e e bogale mo morafeng o.

24 Ba tla wa ka bogale jwa tšhaka, ba isiwa botshwarong kwa merafeng yotlhe; Jerusalema o tla gatakwa ke baheitane go tle go tsamae metlha ya baheitane e tlale.


Go tla ga Morwa-Motho
( Math. 24:29-41 ; Mar. 13:24-32 )

25 “Foo go tla nna ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding; le mo lefatsheng go tla nna tlalelo ya merafe e le mo tharaanong, go le mesumo ya lewatle le makhubu a lone.

26 Batho ba tla idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng; gonne dithata tsa magodimo di tla reketlisiwa.

27 Foo ba tla bona Morwa-Motho a tla ka leru ka thata le kgalalelo e kgolo.

28 Mme e re tseo di simolola go dirafala, lo inamologe, lo tsholetse ditlhogo, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”


Sekao sa ditlhare

29 A ba a ba bolelela setshwantsho a re: “Bonang mofeie le ditlhare tsotlhe;

30 fa lo di bona di setse di tlhoga, lo be lo itse ka losi gore selemo se setse se le gaufi.

31 Le lona jalo, e re lo bona dilo tseo di dirafala, lo itse gore puso ya Modimo e gaufi.

32 “Ammaaruri ke lo raya ke re: Losika lo ga lo nke lo fela ka gope, dilo tsotlhe di ise di dirafale.

33 Legodimo le tla feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a nke a feta ka gope.


Tlhagiso ya go itisa
( Math. 24:42-44 ; Mar. 13:33-37 )

34 “Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;

35 gonne le tla wela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe.

36 Disang he, lo rapele ka nako nngwe le nngwe gore lo tle lo kgone go falola mo go tsotlhe tseo tse di tla dirafalang le go ema fa pele ga Morwa-Motho.”

37 E ne ya re motshegare a tlhole a ruta mo Tempeleng, mme e re bosigo a tswele kwa ntle, a ye go lala kwa thabeng e e bidiwang ya Diolefa.

38 Mme batho botlhe ba phakelele kwa go ene mo Tempeleng go mo utlwa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan