Luke 20 - Setswana 1970Ka ga kolobetso ya ga Johane ( Math. 21:23-27 ; Mar. 11:27-33 ) 1 Ka lengwe la malatsi ao, ya re a ruta batho mo Tempeleng, a rera Efangele, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba tla go ene, ba na le bagolo ba morafe, 2 ba bua nae ba re: “Re bolelele gore dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata eo?” 3 A ba araba a re: “Le nna ke tla lo botsa lefoko lengwe; mpolelelang: 4 Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong gongwe mo bathong?” 5 Ba ikakanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’ 6 Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ batho botlhe ba tla re kgobotletsa; gonne ba dumetse ruri gore Johane e ne e le moporofeti.” 7 Foo ba araba ba re: “Ga re itse gore e ne e tswa kae.” 8 Jesu a ba raya a re: “Gona le nna ga ke lo bolelele thata e ke dirang dilo tse ka yona.” Balemi ba ba bosula ( Math. 21:33-46 ; Mar. 12:1-12 ) 9 Jaanong a simolola go bolelela batho setshwantsho se a re: “Motho mongwe o ne a lema tshimo ya moweine, a e neela balemi, a ba a eta sebaka se seleele. 10 Ya re ka nako ya teng a roma motlhanka kwa baleming gore ba mo nee mangwe a maungo a tshimo ya moweine. Mme balemi ba mo itaya, ba mmusa a iphotlhere. 11 A boa a roma motlhanka yo mongwe; mme le ene ba mo itaya, ba mo dira mo go tlhabisang ditlhong, ba mmusa a iphotlhere. 12 A boa a roma wa boraro; mme le yoo ba mo ntsha dintho, ba mo lelekela kwa ntle. 13 Foo mong wa tshimo ya moweine a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang? Ke tla roma morwaake yo o rategang. E ka re gongwe ba mo tlotla.’ 14 Mme ya re balemi ba mmona, ba ikakanya ba re: ‘Yo ke ene moja-boswa; tlaang re mmolaeng gore boswa e nne jwa rona.’ 15 Mme ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya. “Jaanong mong wa tshimo ya moweine o tla ba dirang? 16 O tla tla, a bolaya balemi bao; mme tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.” Ya re ba utlwa, ba re: “A go se nne jalo!” 17 Mme a ba leba a re: “Go kaya eng fa go kwadilwe ga twe: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo’? 18 “Mongwe le mongwe yo o welang mo letlapeng leo o tla thubagana; mme yo le tla mo welang le tla mo tšhwetlakanya.” Potso ka ga lekgetho ( Math. 22:15-22 ; Mar. 12:13-17 ) 19 Ka yona nako eo Baitsedikwalo le baperesiti ba bagolo ba batla go mo tshwara, mme ba boifa batho, ka gonne ba ne ba lemoga gore o iteisa bone ka setshwantsho se. 20 Jaanong ba mo lepa, ba roma balaledi ba ba itimokanyang ka go ipaya basiami, gore ba mo tshware mo lefokong lengwe, ba be ba mo neele mmuso, e bong mo thateng ya molaodi. 21 Ba mmotsa ba re: “Moruti, re itse gore o bua, o ruta ka tshiamo, o sa gobelelele ope, mme o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri. 22 A re letleletswe go neela Kaisara lekgetho gongwe nnyaya?” 23 Ya re ka a lemoga bolotsana jwa bone, a ba raya a re: 24 “Ntshupetseng ledi la lekgetho! Le na le setshwantsho le sekwalo sa ga mang?” Ba re: “Sa Kaisara.” 25 A ba raya a re: “Ka moo he, ntshetsang Kaisara tse e leng tsa Kaisara, le Modimo tse e leng tsa Modimo.” 26 Mme ba retelelwa ke go mo tshwara mo polelong ya gagwe fa pele ga batho, ba be ba gakgamalela karabo ya gagwe, ba didimala. Basadukai le tsogo ya baswi ( Math. 22:23-33 ; Mar. 12:18-27 ) 27 Jaanong ga tla go ene Basadukai bangwe ba ba latolang tsogo ya baswi, ba mmotsa ba re: 28 “Moruti, Moše o re laetse go re: ‘Fa motho a swa, a na le mosadi, mme a se na ngwana, a morwa-rraagwe a tsee mosadi yoo, a tsosetse morwa-rraagwe losika.’ 29 Jaanong go kile ga bo go le bomorwa monna ba ba supang. Wa ntlha a tsaya mosadi; mme a swa a se na ngwana. 30 Le wa bobedi a tsaya mosadi yoo, 31 le wa boraro a mo tsaya; ga nna fela jalo mo go bone ka bosupa jwa bone; ba se ka ba tlogela bana, mme ba swa. 32 La bofelo mosadi le ene a swa. 33 Mosadi yoo jaanong mo tsogong ya baswi e tla nna mosadi wa ga mang mo go bone? Ka gonne ba ne ba mo nyetse ka bosupa jwa bone.” 34 Jesu a ba araba a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba a nyalwa; 35 mme ba ba kaiwang ba siametse go abelwa lefatshe lele le tsogo ya baswi ga ba nyale, ga ba nyalwe, 36 le gona ga ba ka ke ba tlhola ba a swa; gonne ba tshwana le baengele, e bile ke bana ba Modimo, ka e le bana ba tsogo ya baswi. 37 Mme fa e le gore baswi ba a tsosiwa, Moše le ene o supile jalo fa setlhareng sa mitlwa, fa a bitsa ‘Morena Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.’ 38 Ke go re, Modimo ga se wa baswi, ke wa baphedi; gonne botlhe ba phelela ona.” 39 Foo bangwe ba Baitsedikwalo ba mo raya ba re: “Moruti, o buile sentle.” 40 Gonne ba ne ba tshaba go mmotsa sengwe gape. Keresete ke morwa Dafita le Morena wa gagwe ( Math. 22:41-45 ; Mar. 12:35-37 ) 41 Jaanong a ba botsa a re: “Ba raya jang, fa ba re: Keresete ke morwa Dafita? 42 Kana Dafita ka esi o bua mo lokwalong lwa Dipesalome a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa letsogong la me le le jang, 43 go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ 44 “Jaanong he, fa Dafita a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?” Tlhagiso ya ga Jesu ka ga Baitsedikwalo ( Math. 23:1 , 5-7 , 14 ; Mar. 12:38-40 ) 45 Ya re batho botlhe ba utlweletse, a raya barutwa a re: 46 “Itiseng mo go Baitsedikwalo ba ba ratang go tsamaya ka dikobo tse di kgokgothang, ba bile ba rata ditumediso mo dipatlelong, le ditulo tse di kwa pele mo disenagogeng, le manno a a kwa pele mo meletlong; 47 ba metsa matlo a batlholagadi, mme ba itimokanya ka go rapela go le goleele. Bone ba tla bona petso e kgolo bogolo mo katlholong.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa