Luke 2 - Setswana 1970Botsalo jwa ga Jesu Keresete ( Math. 1:18-25 ) 1 E rile mo malatsing ao ga tswa taolo kwa go Kaisara Auguseto gore lefatshe lotlhe le kwalwe. 2 Go kwalwa moo ga ntlha go dirilwe fa Kirenio a le molaodi wa Siria. 3 Botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo. 4 Josefa le ene a tswa kwa Galelea mo motseng wa Nasaretha, a tlhatlogela kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafita o o bidiwang Betleheme, ka a le wa kgotla yoora Dafita; 5 a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo a mmeeletseng, a le moimana. 6 Ya re ba le koo, ga fitlha malatsi a o tla belegang ka ona, 7 a ba a belega morwawe wa ntlha, a mo phutha ka masela, a mo latsa mo segopong sa dipitse; ka gonne ba ne ba se na bonno mo ntlong ya baeti. Badisa ba kwa Betleheme 8 Go ne go le badisa mo lefatsheng leo, ba le kwa nageng, ba tlhokometse letsomane la bone bosigo. 9 Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya bonega dintlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. 10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe; 11 ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena. 12 “Mme se e tla nnang sesupo mo go lona ke se: Lo tla fitlhela lesea le phuthilwe ka masela, le letse mo segopong sa dipitse.” 13 Ka tshoganyetso bontsi jwa masomo a legodimo jwa nna le moengele, jwa baka Modimo jwa re: 14 “Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.” 15 Ya re baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: “A re yeng tlhe kwa Betleheme, re bone selo se, se se dirafetseng, se Morena o se re itsisitseng.” 16 Ba ya ka bonako, ba fitlhela Maria le Josefa le lesea le letse mo segopong sa dipitse. 17 Ya re ba sena go bona, ba bega lefoko le ba le boleletsweng ka ga ngwana yo. 18 Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamalela tse ba di boleletsweng ke badisa. 19 Maria a boloka dipolelo tsotlhe tseo, a di akanya mo pelong ya gagwe. 20 Jaanong badisa ba boa, ba galaletsa Modimo, ba o boka ka ntlha ya tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba ne ba boleletswe. Thupiso ya ga Jesu le go supiwa ga gagwe 21 E rile malatsi a a robedi a sena go feta a gore ngwana a rupisiwe, leina la gagwe la bidiwa Jesu, le a le teilweng ke moengele, a ise a ithwalwe. 22 Ya re malatsi a phepafatso ya gagwe a sena go feta ka fa molaong wa ga Moše, ba mo isa kwa Jerusalema go mo supa fa pele ga Morena, 23 fela jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa maitibolo o tla bidiwa moitshepi wa Morena.” 24 Ba ya go ntsha setlhabelo ka fa go builweng mo molaong wa Morena ka teng, e bong sa maphoi a le mabedi, gongwe maebana a le mabedi. Simeone le Hana 25 Go ne go le motho mo Jerusalema yo leina la gagwe e leng Simeone; motho yoo a bo a siame, e le mmoifa-Modimo, a lebeletse kgomotso ya Iseraele, mme Mowa o o Boitshepo o le mo go ene. 26 O kile a senolelwa ke Mowa o o Boitshepo gore ga a nke a bona loso, a ise a bone Motlodiwa wa Morena. 27 A isiwa ke Mowa kwa Tempeleng. Ya re batsadi ba tsisa ngwana Jesu go mo direla ka fa mokgweng wa molao, 28 a mo tshola ka mabogo, a boka Modimo a re: 29 “Morena, jaanong o naya motlhanka wa gago tsela, ka fa lefokong la gago, go ya ka kagiso; 30 ka gonne matlho a me a bonye pholoso ya gago 31 e o e etleeditseng mo matlhong a merafe yotlhe, 32 e bong lesedi le le tla senogelang baheitane le go galaletsa morafe wa gago wa Iseraele.” 33 Mme rraagwe le mmaagwe ba gakgamalela dilo tse di buiwang ka ga gagwe. 34 Jaanong Simeone a ba tshegofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga ga ba bantsi mo go Iseraele, le go nna sesupo se se ganediwang. 35 Le wena ka wesi lerumo le tla phunyeletsa mowa wa gago, gore megopolo ya dipelo tse dintsi e senolwe.” 36 Le gona ga bo go le Hana moporofeti, morwadia Fanuele, wa lotso lwa ga Asere; yoo a bo a tsofetse thata, mme o ne a phedile le monna wa gagwe dinyaga tse di supang go tloga mo bokgarebeng jwa gagwe. 37 E ne e le motlholagadi yo o ka nnang dinyaga di le 84, yo o sa tlogeng mo Tempeleng, a direla Modimo ka go itima dijo le ka merapelo bosigo le motshegare. 38 Yoo a tla ka yona nako eo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le botlhe ba ba lebeletseng kgololo ya Jerusalema. Ba boela kwa Nasaretha 39 Ya re ba sena go swetsa tsotlhe ka fa molaong wa Morena, ba boela kwa Galelea kwa motseng wa ga bone wa Nasaretha. 40 Ngwana ene a gola, a tia, a tlala botlhale, mme tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go ene. Jesu mo Tempeleng 41 Jaanong bagolo ba gagwe ba ne ba tle ba ye kwa Jerusalema ka dinyaga tsotlhe kwa moletlong wa Tlolaganyo. 42 E rile a le dinyaga di le 12, ba tlhatlogela kwa Jerusalema ka fa tlwaelong ya moletlo. 43 Ya re ba boa ba sena go swetsa malatsi, ngwana Jesu a sala mo Jerusalema, bagolo ba gagwe ba sa itse. 44 Mme ka ba gopotse gore o mo lesomong la baeti, ba tsamaya leeto la letsatsi, ba mmatla mo go ba ga bone le mo go ba ba itsanyeng nabo. 45 Ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema, ba ntse ba mmatla. 46 Ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo Tempeleng, a ntse mo gare ga baruti, a ba reeditse, a bile a ba botsolotsa. 47 Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamalela tlhaloganyo le dikarabo tsa gagwe. 48 Ya re ba mmona, ba gamarega. Mme mmaagwe a mo raya a re: “Ngwanaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.” 49 A ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” 50 Mme ba se ka ba tlhaloganya lefoko le a le buang nabo. 51 Mme a tsamaya nabo, a fitlha mo Nasaretha, a ba utlwa; mmaagwe a boloka mafoko aotlhe ao mo pelong. 52 Jesu a tota mo go tlhalefeng le mo bogolong le mo go ratweng ke Modimo le batho. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa