Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 19 - Setswana 1970


Sakeo

1 Jaanong a fitlha kwa Jerigo, a ralala motse.

2 Ga bo go le monna teng, leina la gagwe e le Sakeo, e le mogolo wa bakgethisi, mme a humile.

3 Yoo a batla go bona gore Jesu ke mang, mme a palelwa ka ntlha ya batho ba bantsi, ka a ne a le mokhutshwane.

4 Ka moo a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa motlhatsa gore a mmone, ka a tla feta ka tsela eo.

5 Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakeo, akofa o fologe! Gonne ke tshwanetse go tlhola mo ntlong ya gago kajeno.”

6 Yoo a akofa a fologa, a ba a mo tshola ka boitumelo.

7 Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.”

8 Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”

9 Mme Jesu a mo raya a re: “Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo e, ka le ene e le morwa Aborahame:

10 gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


Setshwantsho sa diranta
( Math. 25:14-30 )

11 Ya re ba ntse ba utlweletse, a oketsa a bolela setshwantsho, ka a le gaufi le Jerusalema, mme bone ba itlhoma gore puso ya Modimo e tla akofa e bonala.

12 Jaanong a re: “Motho mongwe yo o tlotlegang o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, a itse go boa.

13 A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba lesome, a neela mongwe le mongwe diranta di le some, a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsona go tsamae ke tle.’

14 Mme ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, ba roma barongwa go mo latela ba re: ‘Ga re rate gore yo a re buse.’

15 “Ya re a boa, a sena go amogela bogosi, a laola gore batlhanka bao ba bidiwe, ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse se mongwe le mongwe a se bapetseng.

16 Wa ntlha a tla a re: ‘Morena, diranta tsa gago tse di some di bapetse diranta tse dingwe di le lekgolo.’

17 Morena a mo raya a re: ‘Ahee, motlhanka yo o siameng ke wena; e re ka o ne wa ikanyega mo go se sennye, o nne molaodi wa metse e le some.’

18 Wa bobedi a tla a re: ‘Morena, diranta tsa gago tse di some di bapetse diranta tse dingwe di le 50.’

19 Le ene a mo raya a re: ‘Le wena, o laole metse e le metlhano.’

20 “Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, diranta tsa gago tse di some ke tse; ke di bolokile mo leseleng la mofufutso;

21 gonne ke ne ke go boifa, ka o le motho yo o bogale; o tsaya se o sa se bayang, o robe se o sa se jwalang.’

22 Kgosi ya mo raya ya re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke tla go atlhola ka se se tswang mo molomong wa gago. A o itsile gore ke motho yo o bogale, ke tsaya se ke sa se bayang, ke robe se ke sa se jwalang?

23 O ne o sa tsenyetseng madi a me mo bankeng? Mme nna ya re ke tla, nka bo ke a amogela le dinamane tsa ona.’

24 “Jaanong a raya ba ba emeng teng a re: ‘Mo amogeng diranta tse di some tseo, lo di nee yo o nang le diranta di le lekgolo.’

25 Ba mo raya ba re: ‘Morena, kana o na le diranta di le lekgolo.’

26 Ke lo raya ke re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tla fiwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.

27 Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ”

28 Ya re a sena go bua jalo, a fetela pele a tlhatlogela kwa Jerusalema.


Jesu o tsena kwa Jerusalema
( Math. 21:1-11 ; Mar. 11:1-10 ; Joh. 12:12-19 )

29 E rile a atamela Bethefage le Bethania, fa thabeng e e bidiwang ya Diolefa, a roma barutwa ba le babedi ba gagwe

30 a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao, o e tla reng lo tsena mo go ona, lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise.

31 Mme fa mongwe a lo botsa a re: ‘Lo e gololelang?’ lo mo ree lo re: ‘Morena o a e batla.’ ”

32 Ba ba romilweng ba ya, ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse.

33 Ya re ba golola eselana, beng ba yona ba ba botsa ba re: “Lo gololelang eselana eo?”

34 Ba re: “Morena o a e batla.”

35 Jaanong ba e tsisa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo eselaneng, ba mo palamisa.

36 Ya re a tsamaya ba ala diaparo tsa bone mo tseleng.

37 Jaanong ya re a setse a atamela fa mhapheng wa Thaba ya Diolefa, lesomo lotlhe la barutwa la simolola go baka Modimo ka boitumelo ka lentswe le legolo ka ntlha ya ditiro tsa nonofo tsotlhe tse ba di bonyeng

38 ba re: “A go bakwe Kgosi e e tlang mo leineng la Morena! Kagiso e nne kwa legodimong le kgalalelo kwa magodimodimong!”

39 Foo bangwe ba Bafarisai ba ba mo bontsing ba mo raya ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago!”

40 Mme a araba a re: “Ke a lo bolelela ka re: Fa ba, ba ka didimala, majwe a tla kua.”


Jesu o lelela Jerusalema

41 Ya re a atamela, mme a bona motse, a o lelela

42 a re: “Ntlha le wena mo letsatsing leno la gago o ka bo o lemoga tse di go isang kagisong! Mme jaanong di fitlhetswe matlho a gago;

43 gonne malatsi a tla tla mo go wena, a baba ba gago ba tla kgobelang mmu tikologong ya gago ka ona, ba go dikanyetsa ka ntwa, ba go pitlaganya ntlheng tsotlhe:

44 Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”


Phepafatso ya Tempele
( Math. 21:12-17 ; Mar. 11:15-18 ; Joh. 2:13-16 )

45 Jaanong a tsena mo Tempeleng, a simolola go leleka ba ba rekisang le ba ba rekang mo go yona.

46 A ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla nna Ntlo ya thapelo.’ Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane.”

47 Jaanong a ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng. Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe ba batla go mmolaya;

48 fela ba se ka ba bona se ba ka se dirang; gonne batho botlhe ba ne ba mo kgomaretse, ba mo reetsa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan