Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 12 - Setswana 1970


Ka ga boitimokanyo
( Math. 10:19 , 20 , 26-33 ; 12:32 ; Mar. 8:15 ; 3:28 , 29 )

1 E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.

2 Ga go na sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe.

3 Ka moo, tsotlhe tse lo di buileng mo lefifing di tla utlwala mo leseding, le se lo se sebileng ditsebeng mo matlwaneng a a kwa teng se tla phatlaladiwa mo godimo ga matlo.


Yo o tshwanetseng go boifiwa
( Math. 10:28-31 )

4 “Mme lona ditsala tsa me, ke lo raya ke re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme morago ba se na sepe se ba ka se dirang bogolo go moo.

5 Mme ke tla lo supetsa yo lo tshwanetseng go mmoifa: Boifang ene yo e a reng a sena go bolaya, a bo a na le thata go latlhela mo moleteng wa molelo. Ee, ke lo raya ke re: Boifang ene.

6 “A dirobele di le tlhano ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme ga go sepe sa tsona se se ka lebalwang fa pele ga Modimo.

7 Le tsona dithiri tsa ditlhogo tsa lona di badilwe tsotlhe. Se boifeng; gonne lo gaisa dirobele di le dintsi.


Ka ga go ipolela Morena le go mo itatola
( Math. 10:32 , 33 ; 12:32 ; 10:19 , 20 )

8 “Ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o impolelang fa pele ga batho, Morwa-Motho le ene o tla mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo.

9 Mme yo o intatolang fa pele ga batho, o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

10 “Mongwe le mongwe yo o tla buang lefoko le le nyefolang Morwa-Motho, o ka itshwarelwa; mme yo o ka kgalang Mowa o o Boitshepo, ga a ka ke a itshwarelwa.

11 “E re fa ba lo isa fa pele ga disenagoge le mebuso le balaodi, lo se ka lwa itshwenya gore lo tla ikarabela jang, gongwe ka eng, le fa e le gore lo tla bua eng;

12 gonne Mowa o o Boitshepo o tla lo ruta ka nako eo tse lo tshwanetseng go di bua.”


Setshwantsho sa mohumi wa lesilo

13 Ke fa mongwe mo bontsing a mo raya a re: “Moruti, raya morwa-rre gore a kgaogane boswa le nna.”

14 Mme Jesu a mo raya a re: “Motho ke wena, ke mang yo o mpeileng go nna moatlhodi gongwe mokgaoganyi wa boswa jwa lona?”

15 A boa a ba raya a re: “Elang tlhoko, lo itise mo megagarung yotlhe; gonne le fa mongwe a na le letlotlo, ga a bone bophelo ka tse a nang natso.”

16 A ba a bua nabo ka setshwantsho a re: “Masimo a motho mongwe wa mohumi a ne a ungwa thata.

17 Mme a ikakanya a re: ‘Ke tla dira eng, ka ke se na mo nka bolokelang thobo ya me teng?’

18 A ikaraba a re: ‘Ke tla dira jaana: Ke tla rutla difala tsa me, ke aga tse dikgolo, ke bolokela mabele aotlhe le dikhumo tsa me teng,

19 jaanong ke raya mowa wa me ke re: Mowa wa me, o na le dikhumo tse dintsi tse di lekanyeng dinyaga tse dintsi. Ikhutse, o je, o nwe, o ipele.’

20 Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Lesilo ke wena! Mowa wa gago o tla tlosiwa mo go wena mo bosigong jono; mme dilo tse o di kgobokantseng e tla nna tsa ga mang?’

21 “Yo o iphuthelang matlotlo, mme a sa huma ka fa Modimong, o ntse jalo.”


Ditshwenyego tsa bophelo
( Math. 6:20-34 )

22 Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ka moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo gore lo tla ja eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng.

23 Gonne bophelo bo gaisa dijo, le mmele o gaisa diaparo.

24 Elang magakabe tlhoko; ka gonne ga a jwale, ga a robe; le gona ga a na sefala, le fa e le ntlo ya polokelo, mme Modimo o a a otla. Lona lo gaisa dinonyane segolo jang!

25 Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaetsa?

26 Jaanong fa le se sennyennyane se lo palela, lo itshwenyetsang ka tse dingwe?

27 Elang madutla tlhoko ka fa a golang ka teng; ga a otlhe, ga a loge; mme ke lo raya ke re: Le fa e le Salomo mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa apare jaaka lengwe la ona.

28 Mme fa Modimo o apesa jalo bojang jo bo mo nageng, jo bo leng teng gompieno, mme kamoso bo latlhelwa mo pesetsong, o tla lo apesa bogolo jang, ba tumelo e potlana ke lona!

29 “Se batleng se lo tla se jang le se lo tla se nwang, le gona lo se ka lwa di tlhofaelela.

30 Gonne dilo tsotlhe tse di batlwa ke merafe ya lefatshe; mme Rraeno o itse gore di batlega mo go lona.

31 Bogolo batlang puso ya gagwe, mme dilo tsotlhe tse lo tla di okelediwa.


Lohumo lwa nnete
( Math. 6:19-21 )

32 “Se boifeng, letsomanenyana; gonne go natefetse Rraeno go lo naya puso.

33 Rekisang tse lo nang natso, lo ntshe dikatso. Itireleng dikgwama tse di sa onaleng, e bong lohumo lo lo sa feleng kwa magodimong, kwa legodu le sa atameleng teng le kwa motoutwana o sa senyeng teng;

34 gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsona di tla nna teng.


Setshwantsho sa motlhanka yo o bobebe
( Math. 24:42-51 )

35 “A matheka a lona a nne a tlamilwe, le dipone tsa lona di tuke.

36 Lo nne jaaka batho ba ba lebeletseng morena wa bone, fa a tla boa kwa modirong wa nyalo, gore e re a tla a konyakonya, ba akofe ba mmulele.

37 Go sego batlhanka bao ba e tla reng morena wa bone a tla, a ba fitlhele ba disitse. Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla itlama, a ba nnisa fa dijong, a ba a tla, a ba tsholela.

38 Mme fa e ka re a tla ka tebelo ya bobedi, le fa e le ka ya boraro, a ba fitlhela jalo, ba tla nna sego batlhanka bao.

39 Kana fa mong wa ntlo a ka bo a itsile gore legodu le tla tla ka nako efe, o ka bo a disitse, a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe go phunngwa.

40 Le lona, nnang lo iketleeditse; gonne Morwa-Motho o tla tla ka nako e lo sa e gopolang.”


Molebeledi yo o ikanyegang
( Math. 24:45-51 )

41 Ke fa Petoro a mo raya a re: “Morena, setshwantsho se a o se bolelela rona fela, gongwe botlhe?”

42 Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?

43 Go sego motlhanka yoo, yo e tla reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a dira jalo.

44 Ammaaruri ke lo raya ke re: O tla mo laodisa tsotlhe tse o nang natso.

45 Mme fa motlhanka yoo a ka ithaya a re: ‘Morena wa me o diega go tla,’ mme a simolola go betsa batlhanka le malata, le go ja le go nwa le go tagwa,

46 morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le o sa mo lebelelang ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tla mo gagoganya, a mo naya kabelo ya gagwe le ba ba sa ikanyegeng.

47 “Motlhanka yo o itsileng thato ya morena wa gagwe, mme a se ka a baakanya sepe, le fa e le go dira ka fa thatong ya gagwe, o tla bediwa thata.

48 Mme yo o se kang a itse, mme a dira tse di tshwanetseng kotlo, o tla bediwa go le gonnye. Mongwe le mongwe yo o neetsweng tse dintsi, go tla batlwa tse dintsi mo go ene; yo o filweng taolo mo go tse dintsi, go tla batlwa tse di fetisang mo go ene.


Jesu o tsisa molelo le kgaoganyo
( Math. 10:34-36 )

49 “Ke tsile go latlhela molelo mo lefatsheng; mme ke eletsa jang, fa o ka bo o setse o tshubilwe.

50 Mme ke na le kolobetso e ke tla kolobediwang ka yona; mme ke tlaletswe jang go tsamae e dirafale!

51 A lo itlhoma gore ke tsile go dira kagiso mo lefatsheng? Ke lo raya ke re: Nnyaya, mme bogolo kgaogano:

52 gonne go tloga jaanong go tla nna ba le batlhano mo ntlong e le nngwe fela ba kgaoganye, ba bararo ba ganetsanya le ba babedi, ba babedi ba ganetsanya le ba bararo.

53 Ba tla nna ba kgaoganye, rra-motho a ganetsa morwawe, morwa a ganetsa rraagwe; mma-motho a ganetsa morwadie, morwadi a ganetsa mmaagwe; matsalaa-motho a ganetsa ngwetsi wa gagwe, ngwetsi a ganetsa matsalaagwe.”


Ditshupo tsa dipaka
( Math. 16:2 , 3 )

54 A boa a raya batho a re: “E a tle e re lo bona leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo akofe lo re: ‘Go tla tla mookodi,’ mme go dirafale jalo.

55 Mme e re phefo ya borwa e foka, lo re: ‘Go tla nna mogote,’ mme go nne jalo.

56 Baitimokanyi ke lona! Ponalo ya lefatshe le ya legodimo lo itse go e lemoga; mme go ntse jang, fa lo sa lemoge sebaka seno?


Ithuanye le moganetsi wa gago
( Math. 5:25 , 26 )

57 “Gape, ke go reng, fa lo sa ikatlholele ka losi se e leng tshiamo?

58 Fa o ya kwa kgosaneng, o na le moganetsi wa gago, o dire matsapa go ithuanya nae, o sa le mo tseleng, e se re gongwe a go gogela kwa moatlhoding, mme moatlhodi a go neela motlhanka, mme motlhanka a go latlhela mo ntlong ya kgolegelo.

59 Ke go raya ke re: Ga o nke o tswa teng ka gope, o ise o lefe le lone ledinyana la bofelo.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan