Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 1 - Setswana 1970


Keteletsopele

1 Batho ba le bantsi ba setse ba dirile letsapa la go kwala ka thulaganyo polelo ya tse di dirafetseng mo go rona, tse di tlhomameng,

2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho go tswa kwa tshimologong, mme ba nna badiredi ba Lefoko.

3 Le nna, ya re ke sena go tlhotlhomisa tsotlhe ka botlalo go tswa tshimologong, ka gopola gore go ka nna molemo go di go kwalela ka thulaganyo, wena Theofilo yo o tlotlegang segolo,

4 gore ò tle ò itse boikanyego jwa mafoko a ò a rutilweng.


Kitsiso ya botsalo jwa ga Johane

5 Mo malatsing a ga Herote, kgosi ya Jutea, go ne go le moperesiti mongwe yo leina la gagwe e leng Sagaria, wa lesomo la ga Abia; mosadi wa gagwe e ne e le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabete.

6 Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.

7 Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.

8 Ya re a dira tiro ya boperesiti fa pele ga Modimo ka fa thulaganyong ya lesomo la gagwe,

9 a tshwarwa ke tengwa ka fa tlwaelong ya boperesiti go tsena mo Tempeleng ya Morena gore a tshube maswalo.

10 Mme phuthego yotlhe ya batho ya bo e rapela, e le ka fa ntle ka nako ya go tshuba maswalo.

11 Ke fa go bonala fa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya aletare ya maswalo.

12 Ya re Sagaria a mmona, a rerega, mme poifo ya mo wela.

13 Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.

14 O tla nna le boitumelo le boipelo; mme ba bantsi ba tla itumelela go tsalwa ga gagwe;

15 ka gonne o tla nna mogolo fa pele ga Morena. Ga a nke a nwa weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go tloga sebopelong sa ga mmaagwe.

16 Ba bantsi ba bomorwa Iseraele o tla ba sokololela go Morena, Modimo wa bone.

17 O tla mo etelela pele mo moweng le mo thateng ya ga Elia go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo maikutlong a basiami, go baakanyetsa Morena setšhaba se se etleeditseng.”

18 Sagaria a raya moengele a re: “Seo ke tla se lemoga ka eng? Gonne ke monna mogolo, le mosadi wa me o tsofetse.”

19 Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo.

20 Mme bona, o tla nna semumu, o retelelwa ke go bua go fitlha mo letsatsing le dilo tseo di tla dirafalang ka lone, ka o sa dumela mafoko a me a a tla dirafadiwang ka sebaka sa ona.”

21 Mme batho ba bo ba lebeletse Sagaria, jaanong ba gakgamalela tiego ya gagwe mo Tempeleng.

22 Ya re a tswa, a retelelwa ke go bua nabo; ba lemoga gore o bonye pontsho mo Tempeleng. Mme a nna a ba gwetlha, a fela a le semumu.

23 Ya re malatsi a tirelo ya gagwe a sena go feta, a ya kwa gae.

24 E rile morago ga malatsi ao, Elisabete, mosadi wa gagwe, a ithwala, a ba a iphitlha dikgwedi tse tlhano a re:

25 “Morena o ntiretse jalo mo malatsing a o nkgopotseng ka ona go ntlosa kgobo mo bathong.”


Kitsiso ya botsalo jwa ga Jesu

26 E rile ka kgwedi ya borataro moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galelea o leina la ona e leng Nasaretha,

27 kwa lekgarebeng le le beeletsweng ke monna yo leina la gagwe e leng Josefa, wa kgotla yoora Dafita, leina la lekgarebe e le Maria.

28 Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.”

29 Ya re a mmona, a rerega thata ka lefoko leo, a akanya tumediso eo gore ke e ntseng jang.

30 Moengele a mo raya a re: “Maria, ò se ka wa boifa; gonne ò bonye bopelotlhomogi mo Modimong.

31 Reetsa: O tla ithwala, ò belega ngwana wa mosimane, leina la gagwe ò le bitse Jesu.

32 Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe.

33 O tla nna kgosi mo ntlong ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo nke bo nna le bokhutlo.”

34 Maria a raya moengele a re: “Seo se tla dirafala jang, ka ke sa itse monna?”

35 Moengele a mo araba a re: “Mowa o o Boitshepo o tla tla mo go wena, le thata ya Mogodimodimo e tla go ritifalela; mme ka ntlha ya moo ngwana yo o boitshepo yo o tla belegwang ke wena o tla bidiwa Morwa Modimo.

36 Bona, Elisabete wa ga eno le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; kgwedi eno ke ya borataro ya gagwe, ene yo o neng a bidiwa moopa.

37 Gonne ga go na sepe se se ka palelang Modimo.”

38 Foo Maria a re: “Bona, ke lelata la Morena; a go ntirafalele ka fa lefokong la gago.” Jaanong moengele a mo tlogela.


Maria o etela Elisabete

39 Mo malatsing ao Maria a nanoga, a ya ka potlako kwa lefatsheng la makgabana, kwa motseng mongwe wa Juta,

40 a feta a tsena mo ntlong ya ga Sagaria, a dumedisa Elisabete.

41 Ya re Elisabete a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo mpeng ya gagwe. Mme Elisabete a tlala Mowa o o Boitshepo,

42 a tlhatlosa lentswe a re: “O tshegofaditswe mo basading, go bile go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago.

43 Seo se ntswela kae, fa mma Morena wa me a ka tla kwano go nna?

44 Gonne bona, e rile lentswe la tumediso ya gago le tsena mo ditsebeng tsa me, ngwana a tlola ka boipelo mo mpeng ya me.

45 Mme go sego yo o dumetseng, ka gonne tse ò di boleletsweng ke Morena di tla dirafala.”


Poko ya ga Maria

46 Maria a re: “Pelo ya me e godisa Morena,

47 mowa wa me o ipelela Modimo, Mopholosi wa me.

48 Gonne o ne a leba bobotlana jwa lelata la gagwe. Bona, go tloga jaanong ditshika tsotlhe di tla mpitsa yo o sego;

49 ka gonne Yo-o-thata o ntiretse tse dikgolo; leina la gagwe le boitshepo.

50 Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo mo go ba ba mmoifang mo ditshikatshikeng.

51 O dirile ka thata ya letsogo la gagwe; a falatsa ba ba ikgodisang mo kakanyong ya dipelo tsa bone.

52 O digile dikgosi tse di thata mo ditulong tsa tsona tsa bogosi; a godisa ba babotlana.

53 Ba ba tshwerweng ke tlala o ba kgorisitse tse di molemo; mme bahumi a ba tsamaisa ba iphotlhere.

54 O thusitse Iseraele, motlhanka wa gagwe, a gopola boutlwelo-botlhoko,

55 fela jaaka a buile le borraetsho, e leng Aborahame le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.”

56 Mme Maria a nna nae, e ka nna dikgwedi tse tharo, a ba a boela kwa gae.


Botsalo jwa ga Johane

57 Jaanong lobaka lwa ga Elisabete lwa go belega lwa fitlha, mme a belega ngwana wa mosimane.

58 E rile baaga-mmogo le ba ga gabo ba utlwa gore Morena o mo godiseditse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe, ba itumela nae.

59 Ya re ka letsatsi la robobedi ba tla go rupisa ngwana, mme ba re ba mmitsa Sagaria ka leina la ga rraagwe.

60 Mme mmaagwe a araba a re: “E seng jalo! O tla bidiwa Johane.”

61 Ba mo raya ba re: “Ga go na ope mo go ba ga eno yo o bidiwang ka leina leo.”

62 Ba gwetlha rraagwe, ba mmotsa gore o rata ngwana a bidiwe mang?

63 Ya re a sena go lopa letlapa, a kwala a re: “Leina la gagwe ke Johane.” Mme ba gakgamala botlhe.

64 Foo molomo wa gagwe wa bulega ka bonako, le loleme lwa gagwe lwa funologa, a ba a bua, a baka Modimo.

65 Poifo ya wela botlhe ba ba agileng tikologong ya bone; dikgang tsotlhe tseo tsa bolelwa mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea.

66 Botlhe ba ba di utlwang ba di tshola ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, o tla nna eng?” Gonne letsogo la Morena le ne le na nae.


Poko ya ga Sagaria

67 Jaanong Sagaria rraagwe a tlala Mowa o o Boitshepo, a bua ka ona a re:

68 “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo.

69 O re emiseditse lonaka lwa pholoso mo ntlong ya ga Dafita, motlhanka wa ona,

70 jaaka o buile ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tswa metlheng ya bogologolo

71 wa re: O tla re namolela mo babeng ba rona, le mo mabogong a botlhe ba ba re tlhoileng,

72 gore o direle borraetsho boutlwelo-botlhoko, o be o gopole kgolagano e e boitshepo ya ona,

73 e bong ikano e o e ikanetseng Aborahame rraetsho,

74 go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo,

75 re le mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga ona ka malatsi otlhe a rona.

76 Mme le wena, ngwana, o tla bidiwa moporofeti wa Mogodimodimo; gonne o tla etelela Morena pele go baakanya ditsela tsa gagwe,

77 go naya morafe wa gagwe kitso ya pholoso ka go itshwarelwa dibe tsa ona,

78 ka ntlha ya boutlwelo-botlhoko jo bo boteng jwa Modimo wa rona, jo tlhabo ya lesedi e e tswang kwa godimo e tla re lekolang ka jona,

79 go sedimosetsa ba ba ntseng mo lefifing le mo moriting wa loso, go siamisetsa dinao tsa rona mo tseleng ya kagiso.”

80 Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan