Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 99 - Setswana 1970


Morena ke kgosi e e busang gotlhe

1 Morena ke kgosi! A merafe e rorome. O ntse godimo ga boKerubime, a lefatshe le tshikinyege.

2 Morena o mogolo mo Sione, o okame merafe yotlhe.

3 A ba bake leina la gago le legolo la poitshego! Ke le le boitshepo.

4 A ba bake le thata ya kgosi e e ratang tshiamo. Ke wena yo o tlhomamisitseng tse di tshwanetseng; tshiamo le molao o di dirisitse mo Jakobe.

5 Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga sebeo sa dinao tsa gagwe; gonne ene o boitshepo.

6 Moše le Arone e ne e le bangwe ba baperesiti ba gagwe, Samuele e le wa ba ba bitsang leina la gagwe. Ba ne ba goela Moreneng, mme a ba utlwa.

7 O ne a bua nabo, a le mo pinagareng ya leru; ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe le molao o a neng a o ba neile.

8 Wena Morena, Modimo wa rona, o ba utlwile; o ne o le Modimo o o boitshwarelo mo go bona, mme o busolosa ka fa ditirong tsa bona.

9 Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga thaba ya gagwe e e boitshepo; gonne Morena, Modimo wa rona, o boitshepo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan