Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 98 - Setswana 1970


Mogolodi wa badumedi le moatlhodi wa lefatshe

1 Pesalome. Opelelang Morena sefela se sešwa; gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang. O fenya ka seatla se se jang, e bong ka letsogo la gagwe le le boitshepo.

2 Morena o utlwaditse pholoso ya gagwe, a senolela matlho a ditšhaba tshiamo ya gagwe.

3 O gopotse bopelontle jwa gagwe le boikanyo jwa gagwe mo Baiseraeleng; dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bonye pholoso ya Modimo wa rona.

4 Dudueletsang Morena, lona ba lefatshe lotlhe; ponyegang, lo ipele, lo opele.

5 Opelelang Morena ka katara, ka katara le mantswe a kopelo.

6 Duduetsang ka diphala le tumo ya dinaka fa pele ga Morena yo e leng kgosi.

7 A lewatle le gwase le tse di tletseng mo go lone, le lefatshe le ba ba agileng mo go lone.

8 A dinoka di ope diatla le dithaba di pate ka maipelo

9 fa pele ga Morena. Gonne o e tla go atlhola lefatshe. O tla atlhola lefatshe ka tshiamo, le batho ka tshwanelo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan