Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 97 - Setswana 1970


Go busa Morena

1 Morena ke kgosi; a lefatshe le duduetse; a ditlhakatlhake tse dintsi di itumele.

2 Maru le lefifi di mo dikanyeditse; tshiamo le molao ke mothao wa sedulo sa gagwe sa bogosi.

3 Molelo o mo eteletse pele; o nyeletsa baba ba gagwe tikologong.

4 Dikgadima tsa gagwe di bonesa lefatshe; lefatshe le a di bona, e bile le a roroma.

5 Dithaba di gakologa fa pele ga Morena jaaka mmotu wa dinotshe, fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.

6 Magodimo a bolela tshiamo ya gagwe le batho botlhe ba bona kgalalelo ya gagwe.

7 A ba tlhajwe ke ditlhong botlhe ba ba direlang ditshwantsho, ba ba ipokang ka medimo e e seng yona. Medimo yotlhe e a mo obamela.

8 Sione o a utlwa, o a itumela; bomorwadia Juta ba ipelela dikatlholo tsa gago, Morena.

9 Gonne wena Morena o Mogodimodimo yo o okameng lefatshe lotlhe; o mogolo bogolo go medimo yotlhe.

10 Ba lo ratang Morena, tlhoang bosula; o boloka mewa ya badumedi ba gagwe, o ba pholosa mo diatleng tsa baikepi.

11 Lesedi le tlhabetse mosiami, le boitumelo bo bonaletse ba ba dipelo di thokgameng.

12 Lona basiami, itumeleleng Morena, lo bake leina la gagwe le le boitshepo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan