Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 96 - Setswana 1970


Opelelang moatlhodi, o e tla

1 Opelelang Morena sefela se sešwa; opelelang Morena, lona mafatshe otlhe!

2 Opelelang Morena, lo bake leina la gagwe, utlwatsang pholoso ya gagwe ka letsatsi lengwe le lengwe!

3 Bolelang kgalalelo ya gagwe mo merafeng le dikgakgamatso tsa gagwe mo bathong botlhe!

4 Gonne Morena o mogolo, pako e kgolo e mo tshwanetse; o boitshega bogolo go medimo yotlhe.

5 Gonne medimo yotlhe ya merafe ga se ya sepe; mme Morena o dirile magodimo.

6 Borena le kgalalelo di fa pele ga gagwe; thata le bontle di mo Felong ga gagwe ga Boitshepo.

7 Ntshetsang Morena, lona ditso tsa merafe, ntshetsang Morena kgalalelo le thata!

8 Ntshetsang Morena kgalalelo ya leina la gagwe, tlisang ditshupelo, lo tsene mo malapeng a gagwe!

9 Obamelang Morena ka mokgabo o o boitshepo; roromang fa pele ga sefatlhego sa gagwe, lona mafatshe aotlhe!

10 Buang mo merafeng lo re: “Morena ke kgosi; o thaile lefatshe gore le se tshikinyege; o tla atlhola batho ka tshiamo.”

11 A magodimo a itumele, a lefatshe le duduetse, a lewatle le gwase le tse di tletseng mo go lone.

12 A naga e ipele le tsotlhe tse di mo go yona; ke gona ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tla duduetsang fa pele ga Morena;

13 gonne o e tla, o tsile go atlhola lefatshe; o tla atlhola lefatshe ka tshiamo le batho ka boammaaruri jwa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan