Lipesalema 95 - Setswana 1970Tlhotlheletso ya go dudueletsa Modimo 1 Tlayang a re dudueletseng Morena, re ipeleleng lefika la pholoso ya rona. 2 A re tleng fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka malebogo, re mo ipeleleng ka dikopelo tsa pako. 3 Gonne Morena ke Modimo o mogolo, ke kgosi e kgolo, mmusi wa medimo yotlhe, 4 yo mateng a lefatshe a leng mo seatleng sa gagwe, yo ditlhoa tsa dithaba e leng tsa gagwe; 5 yo lewatle e leng la gagwe, o le tlhodile; le lefatshe le le omileng ke la gagwe, diatla tsa gagwe di le bopile. 6 Tlayang a re obameleng, re iname, re khubame fa pele ga Morena, Mmopi wa rona. 7 Gonne ke ene Modimo wa rona; rona re batho ba bofulo jwa gagwe le dinku tsa seatla sa gagwe. E kete lo ka bo lo utlwa lentswe la gagwe kajeno! 8 “Se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka kwa Meriba le ka letsatsi la Masa mo sekakeng, 9 kwa borraalona ba nthaetseng teng, ba nteka, etswe ba bonye ditiro tsa me. 10 Ke ne ka tenwa ke morafe oo dinyaga di le 40, ka bua ka re: ‘Batho ba, ke ba ba dipelo di timetseng, ga ba itse ditsela tsa me.’ 11 Ke gona ka moo ke ikanneng mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa