Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 94 - Setswana 1970


Thapelo ya go gololwa mo go ba ba patikang morafe wa Modimo

1 Morena, Modimo wa pusoloso, Modimo wa pusoloso, iponatse!

2 Nanoga, Moatlhodi wa lefatshe; busetsa baikgantshi ditiro tsa bona.

3 Baikepi ba tla tsaya sebaka se se kana kang, Morena? Baikepi ba tla duduetsa goleele go le kae?

4 Ba phoka lefulo, ba bua ka makgakga; badirabosula ba ikgantsha botlhe.

5 Morena, ba šobotla batho ba gago, ba patika boswa jwa gago.

6 Ba bolaya motlholagadi le moeng; ba gaila masiela,

7 ba re: “Morena ga a nke a bona; Modimo wa ga Jakobe ga o nke o lemoga.”

8 Lemogang, lona dieleele mo morafeng! Lona masilo, lo tla tlhalefa leng?

9 A ena yo o tlhomileng tsebe ga a ka ke a utlwa? A ena yo o bopileng leitlho ga a ka ke a bona?

10 A yo o layang ditšhaba ga a ka ke a di kgalemela, ena yo o rutang batho kitso?

11 Morena o itse megopolo ya batho, fa e le ya lefela.

12 Go sego motho yo wena, Morena, o mo watlhayang, o mo ruta molao wa gago

13 gore o tle o mo nee tapologo mo malatsing a tlalelo, go tsamaya moikepi a epelwe lemena.

14 Gonne Morena ga a nke a latlha batho ba gagwe; ga a nke a tlogela boswa jwa gagwe.

15 Katlholo e tla boela mo tshiamong; botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla e latela.

16 Ke mang yo o tla nkemelang mo basulatsing? Ke mang yo o tla mpuelelang mo go ba ba dirang bosula?

17 Fa e ka bo e se Morena yo o nthusang, mowa wa me o ka bo o setse o le gaufi le felo ga tidimalo.

18 E ne ya re fa ke re: “Lonao lwa me lo a theekela!” bopelotlhomogi jwa gago, Morena, bo ntshegetse.

19 Mo bontsing jwa matshwenyego a a mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di itumedisa mowa wa me.

20 A sedulo sa moatlhodi sa tshenyo se ka dumelana le wena, se se bopang bosula ka go sokamisa molao?

21 Ba ikopanyetsa bophelo jwa mosiami, ba sekisa madi a a se nang molato.

22 Mme Morena ke phemelo ya me; Modimo wa me e ntse e le lefika la botshabelo jwa me.

23 O tla ba busolosetsa tshiamololo ya bona, a ba fedisa ka ntlha ya bosula jwa bona; Morena, Modimo wa rona, o tla ba nyeletsa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan