Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 93 - Setswana 1970


Modimo ke kgosi go ya bosakhutleng

1 Morena ke kgosi, o apere borena. Morena o apere, o itlamile ka bonatla. Lefatshe le lone o le thaile gore le se ka la tshikinyega.

2 Sedulo sa gago sa bogosi se sa le se tlhomama bogologolo tala. Wena o ntse o le teng ka bosenatshimologo.

3 Morena, dinoka di tsholeditse, dinoka di tsholeditse kgwaso ya tsona; dinoka di tsholetsa mosumo wa tsona.

4 Morena mo bogodimong o thata go gaisa kgwaso ya metsi a magolo le dintelo tse dikgolo tsa lewatle.

5 Ditshupo tsa gago di ikanyega gotlhe; Ntlo ya gago, Morena, e tshwanetswe ke boitshepo ka metlha yotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan