Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 92 - Setswana 1970


Loboko lwa go baka tshiamo ya Modimo

1 Pesalome. Sefela sa letsatsi la Sabata.

2 Go monate go leboga Morena le go opelela leina la gago dipako, Mogodimodimo,

3 go bolela bopelotlhomogi jwa gago mo mosong le boikanyo jwa gago bosigo,

4 ka kwadi ya dithapo di le some le ka harepa le ka melodi ya segwana.

5 Gonne wena Morena o intumedisitse ka go dira ga gago; ke duduetsa ditiro tsa diatla tsa gago.

6 Ditiro tsa gago, Morena, di dikgolo jang! Dikakanyo tsa gago di botengteng.

7 Seeleele ga se di lemoge, lesilo ga le di tlhaloganye.

8 Fa baikepi ba gola sentle jaaka bojang, mme badirabosula botlhe ba kgaba jaaka dithunya, e a be e le gore ba nyelediwe ka bosakhutleng.

9 Mme wena Morena o Mogodimodimo ka bosakhutleng.

10 Gonne ruri, baba ba gago, Morena, ruri baba ba gago ba tla latlhega, basulatsi botlhe ba tla faladiwa.

11 Lonaka lwa me o lo tsholetsa jaaka lwa nare, o ntloditse lookwane lo lošwa.

12 Leitlho la me le tla leba baba ba me ka kgatlhego, ditsebe tsa me di tla utlwela tatlhego ya basenyi ba ba ntsogelang ka boitumelo.

13 Mosiami o tla tlhoga jaaka mokolane a gole jaaka setlhare sa mosetere wa Lebanone;

14 ba ba tlhomilweng mo Ntlong ya Morena ba tla tlhoga mo malapeng a Modimo wa rona.

15 Ba tla nna ba ungwa le mo botsofeng; ba tla nona, ba nna banana,

16 e le go bolela gore Morena ke wa nnete. Ke lefika la me; ga go tshiamololo epe mo go ena.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan