Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 91 - Setswana 1970


Mo phemelong ya Mogodimodimo

1 Yo o ntseng mo tshireletsong ya Mogodimodimo, yo o leng mo moriting wa Mothatayotlhe,

2 o tla raya Morena a re: “O botshabelo jwa me le kago ya phemelo ya me; o Modimo wa me o ke o ikanyang.”

3 Gonne ke ena yo o tla go gololang mo serung sa mothaisa-nonyane le mo leroborobong le le bolayang.

4 O tla go sireletsa ka diphuka tsa gagwe, ò femelega fa tlase ga tsona; boammaaruri jwa gagwe ke thebe le phemelo.

5 Ga o na go boifa poitshego ya bosigo, le e seng motsu o o fofang motshegare,

6 le e seng leroborobo le le tsamayang mo lefifing, le e seng kgogodi e e bolayang motshegare wa selebalo.

7 Le fa go ka wa ba le sekete ka fa lotlhakoreng lwa gago, gongwe ba le dikete di le some ka fa letsogong le le jang la gago, wena ga go nke go go ama.

8 O tla leba ka matlho fela, o bona baikepi ba bolawa ke se ba se jeleng.

9 Gonne o rile: “Wena Morena o botshabelo jwa me.” O dirile Mogodimodimo phemelo ya gago.

10 Ga o nke o welwa ke bosula bope, le boago jwa gago ga bo nke bo atamelwa ke sebetso.

11 Gonne o tla go laelela baengele ba gagwe gore ba go boloke mo ditseleng tsotlhe tsa gago.

12 Ba tla go kuka ka diatla gore dinao tsa gago di se kgopiwe ke lentswe.

13 O tla gata tau le lebolobolo, o gataka ledumedi le kgogela.

14 Ke tla mo pholosa, ka a nkgomaretse ka lorato, ke tla mo sireletsa, gonne o itse leina la me.

15 E tla re a mpitsa, ke mo utlwe, ke nne nae mo tlalelong; ke tla mo namola, ke mo tlotla.

16 Ke tla mo kgorisa bophelo jo boleele, ke mmontsha pholoso ya me.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan