Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 90 - Setswana 1970


KAROLO YA BONE, DIPESALOME 90 – 106 Bosengsepe jwa motho

1 Thapelo ya ga Moše, monna wa Modimo. Morena, o ntse o le botshabelo jwa rona mo ditshikatshikeng.

2 Pele dithaba di ise di tsalwe, o ise o tlhole lefatshe le lebopo, wena o ntse o le Modimo go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng.

3 O busetsa batho loroleng lwa mmu wa re: “Boang, bana ba batho.”

4 Gonne dinyaga di le sekete, mo matlhong a gago di tshwana le letsatsi le le fetileng la maabane, di tshwana le tiso ya bosigo.

5 O ba gogotse jaaka ka morwalela; ba ntse jaaka ba robetse. Mo mosong ba nne jaaka bojang jo bo tlhogang,

6 jo bo thunyang mo mosong, bo gole, mme maitsiboa bo segwe, bo omelele.

7 Gonne re nyelela ka bogale jwa gago, re fediwa ka tshoganyetso ka kgakalo ya gago.

8 O beile melato ya rona fa pele ga gago, le maleo a rona a a fitlhegileng o a beile mo leseding la sefatlhego sa gago.

9 Gonne malatsi a rona otlhe a fetisiwa ke bogale jwa gago, dinyaga tsa rona di feta jaaka kgopolo.

10 Bophelo jwa rona ke dinyaga di le masome a a supang, mme fa thata e le teng, bo ka nna dinyaga tse di masome a robedi; mme se segolo sa tsona ke tapisego le tshwenyego; gonne bo feta ka bonako, mme re fofela koo.

11 Ke mang yo o lemogang bogolo jwa bogale jwa gago, le kgakalo ya gago, ka fa poitshegong ya gago?

12 Re rute go bala malatsi a rona gore re tle re tlhalefe mo dipelong.

13 Boa, Morena! Go tla nna goleele go le kae? O utlwele batlhanka ba gago botlhoko.

14 Re kgorise ka bopelotlhomogi jwa gago e sa le ka moso, mme re tla duduetsa, re itumela ka malatsi otlhe a rona.

15 Re fe boitumelo ka malatsi a a kana ka a o re watlhaileng ka ona le ka dinyaga tse di kana ka tse re bonyeng botlhoko mo go tsona.

16 A tiro ya gago e bonalele batlhanka ba gago, le kgalalelo ya gago bana ba bona.

17 A botsalano jwa Morena, Modimo wa rona, bo re okame. Tsweletsa tiro ya diatla tsa rona, ee, tiro ya diatla tsa rona o e tsweletse.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan