Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 89 - Setswana 1970


Ditshegofatso tse, Modimo o di solofeditse Dafita

1 Sefela sa thuto sa ga Ethane, oora Esera.

2 Ke tla opela bopelotlhomogi jwa Morena ka bosakhutleng; ke tla itsise losika longwe le longwe boikanyo jwa gago ka molomo wa me.

3 Gonne o rile: “Bopelontle bo tla tlhomama ka bosakhutleng; boikanyo jwa me ke bo thaile kwa legodimong.

4 Ke dirile kgolagano le moitlhaolelwi wa me, ke ikanetse Dafita, motlhanka wa me, ka re:

5 ‘Ke tla tlhomamisa losika lwa gago go ya kwa go sa khutleng, ke agela ditshika tsotlhe sedulo sa gago sa bogosi.’ ” Sela.

6 Magodimo a tla boka kgakgamatso ya gago, Morena, le boikanyo jwa gago bo bakwa mo phuthegong ya baitshepi.

7 Gonne ke mang yo o lekanang le Morena kwa marung, yo o tshwanang le Morena mo go bomorwa Modimo?

8 Modimo o boifega mo kopanong ya baitshepi; o mogolo, o bile o boitshega go feta botlhe ba ba o dikanyeditseng.

9 Morena, Modimo wa masomosomo, ke mang yo o tshwanang nao? Morena, o thata, boikanyo jwa gago bo mo tikologong ya gago.

10 Wena o laola boikgogomoso jwa lewatle; e re fa makhubu a lone a tsholetsega, wena o a didimatse.

11 O tšhwetlakantse Rahabe jaaka yo o tlhabilweng; o phatlaladitse baba ba gago ka letsogo le le thata la gago.

12 Magodimo ke a gago le lefatshe ke la gago; lefatshe le tse di tletseng mo go lone wena o di thaile tsotlhe.

13 Bokone le borwa o di tlhodile; Thabore le Heremone di dudueletsa leina la gago.

14 O na le letsogo la bonatla, seatla sa gago se thata, letsogo le le jang la gago le tsholetsegile.

15 Tshiamo le molao ke motheo wa sedulo sa gago sa bogosi; bopelonomi le boammaaruri di etelela sefatlhego sa gago pele.

16 Go sego morafe o o itseng go duduetsa, o o tsamayang mo leseding la sefatlhego sa gago, Morena.

17 Ba ipelela leina la gago ka metlha, ba godisiwa ka tshiamo ya gago.

18 Gonne wena o mokgabo wa thata ya bona, o tsholetsa lonaka lwa rona ka bopelonomi jwa gago.

19 Gonne thebe ya rona ke ya Morena, kgosi ya rona ke ya Moitshepi wa Iseraele.

20 Ka motlha oo, o ne wa bua le baitshepi ba gago ka pono wa re: “Ke neetse mogale thuso, ke godisitse yo o tlhaotsweng mo morafeng.

21 Ke bonye Dafita, motlhanka wa me, ka mo tlotsa lookwane lwa me lo lo boitshepo,

22 yo seatla sa me se tla nnang le ena ka gale, yo letsogo la me le tla mo tiisang.

23 Mmaba ga a ka ke a mo tlhasela, le e seng rra-bosula go mo patika.

24 Ke tla remaganya baganetsi ba gagwe fa pele ga gagwe, ke bolaya ba ba mo tlhoileng.

25 Mme boikanyo jwa me le bopelonomi jwa me di tla nna nae, lonaka lwa gagwe lo tla tsholetsegela godimo ka leina la me.

26 Ke baya seatla sa gagwe mo lewatleng, le letsogo la gagwe le le jang mo dinokeng.

27 O tla nthaya a re: ‘Wena o rre, o Modimo wa me, o lefika la thuso ya me.’

28 Le gona ke tla mo dira motsalwapele le yo mogolo mo dikgosing tsa lefatshe.

29 Ke tla mmolokela bopelotlhomogi jwa me ka bosakhutleng, mme kgolagano ya me e tla mo tlhomamela.

30 Ke tla dira gore losika lwa gagwe e nne lo lo sa khutleng, le sebaka sa sedulo sa gagwe sa bogosi se lekane le malatsi a legodimo.

31 Mme e tla re fa bomorwawe ba tlogela molao wa me, ba sa tsamae mo go tse di ntshiametseng,

32 fa ba itshepolola ditaelo tsa me, ba sa tlhokomele ditao tsa me,

33 ke ba beletse ditlolo tsa bona ka thupa le melato ya bona ka dipetso.

34 Le fa go ntse jalo bopelotlhomogi jwa me ga nkitla ke bo tlosa mo go ene, le e seng go mo senyetsa boikanyo jwa me.

35 Ga nke ke itshepolola kgolagano ya me, le e seng go fetola se se duleng mo molomong wa me.

36 Ke ikanne gangwe fela ka boitshepo jwa me – ga ke ne ke aketsa Dafita! –

37 Ka re: ‘Losika lwa gagwe lo tla nnela ruri, le sedulo sa gagwe sa bogosi jaaka letsatsi fa pele ga me.

38 O tla tlhomama ka bosakhutleng jaaka ngwedi. Kana mosupi yo o mo legodimong o boikanyo.’ ” Sela.

39 Mme wena o latlhile motlodiwa wa gago, wa mo nyatsa, wa mo galefela.

40 O sentse kgolagano e o e dirileng le motlhanka wa gago, wa itshepolola serwalo sa gagwe sa bogosi ka go se latlhela fa fatshe.

41 O thubile dipota tsotlhe tsa gagwe, dikago tsa phemelo tsa gagwe wa di ntsha marope.

42 Botlhe ba ba neng ba feta ka tsela ba ne ba mo thukhutha dilo, a sotlega mo go ba ba agileng nae.

43 O godisitse mabogo a a jang a baganetsi ba gagwe, wa itumedisa baba botlhe ba gagwe.

44 O titinne bogale jwa tšhaka ya gagwe, wa se ka wa mo natlafatsa mo tlhabanong.

45 O fifaditse kgalalelo ya gagwe, wa digela sedulo sa gagwe sa bogosi fa fatshe.

46 O khutshwafaditse malatsi a bokau jwa gagwe, wa mo jesa ditlhong. Sela.

47 Morena, o tla iphitlha goleele go le kae? A bogale jwa gago bo tla tuka jaaka molelo?

48 Gopola tlhe gore bophelo ke eng? A batho botlhe o ba bopetse lefela?

49 Motho ke mang yo o ka phelang, a sa bone loso, mme a golola mowa wa gagwe mo thateng ya felo ga baswi? Sela.

50 Morena, mapelotlhomogi a gago a pele a kae, a o ikanetseng Dafita ka fa boikanyong jwa gago?

51 Morena, gopola tshotlego ya badiredi ba gago e ke e rweleng ka sehuba sa me e tswa merafeng yotlhe e megolo,

52 e baba ba gago, Morena, ba sotlileng ka yona, e ba sotlileng dikgato tsa motlodiwa wa gago ka yona.

53 A Morena a bakwe ka bosakhutleng. Amen, ee, a go nne jalo!

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan