Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 88 - Setswana 1970


Selelo sa motlhoboga-thuso

1 Sefela. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Bolwetse”. Sefela sa thuto sa ga Hemane, oora Esera.

2 Morena, Modimo wa thuso ya me, ke goela go wena bosigo le motshegare.

3 A thapelo ya me e fitlhe fa go wena; sekegela selelo sa me tsebe.

4 Gonne pelo ya me e tennwe ke dipogo; bophelo jwa me bo atametse felo ga baswi.

5 Ke setse ke balelwa le ba ba fologelang mo lebitleng, ke tshwana le monna yo o se nang thata.

6 Ke laditswe le baswi, jaaka ba ba bolailweng ba letse mo diphupung, ba o sa tlholeng o ba gopola, ka ba kgaogantswe le letsogo la gago.

7 O mpeile kwa tlasetlase moleteng, mo mafifing, mo matennye.

8 Bogale jwa gago bo nkimetse, o nkgateletse ka merwalela ya gago yotlhe. Sela.

9 Ba ke itsanyeng sentle nabo o ba tlositse fa go nna; o ntirile seila sa bona; ke tswaletswe, ke palelwa ke go tswela kwa ntle.

10 Leitlho la me le felelela ka pogo. Ke ntse ke go bitsa. Morena, ka letsatsi lengwe le lengwe ke go tsholeletsa mabogo.

11 A o tla dira dikgakgamatso mo baswing; gongwe ba ba suleng a ba tla tsoga ba go baka? Sela.

12 A bopelothomogi jwa gago bo ka bolelwa mo phupung, gongwe boikanyego jwa gago kwa Felong ga baswi?

13 Dikgakgamatso tsa gago a di ka itsege mo lefifing, gongwe tshiamo ya gago mo lefatsheng la tebalo?

14 Mme nna, Morena, ke goela go wena, thapelo ya me e tla go wena, e sa le moso.

15 Morena, o latlhelang mowa wa me, o mphitlhelelang sefatlhego sa gago.

16 Ke tlaletswe, ke wa go swa go tswa bokaung jwa me; ke rwele dipoitshego tsa gago, ke batla go tlhoboga.

17 Bogale jwa gago bo nkwetse; dipoitshego tsa gago di nnyeleditse;

18 di ntikanyeditse jaaka metsi letsatsi lotlhe, di ntikile gotlhegotlhe.

19 O tlositse moratiwa le tsala fa go nna, lefifi ke lone tsala ya me.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan