Lipesalema 87 - Setswana 1970Jerusalema ke mmamerafe 1 Pesalome ya boora Kora. Sefela. Metheo e e mo dithabeng tse di boitshepo, Morena o a e rata. 2 O rata dikgoro tsa Sione bogolo go maago otlhe a ga Jakobe. 3 Dilo tse di galalelang di bolelwa ka ga gago, wena motse wa Modimo. Sela. 4 Ke umaka Rahabe le Babele mo go ba ba nkitseng; le Felesita le Tiro mmogo le Khuše ke re: “Ba, ba tsaletswe teng.” 5 Ka ga Sione go tla twe: “Mongwe le mongwe o tsaletswe teng.” Mme motse oo, Mogodimodimo o a o tlhomamisa. 6 Morena o tla bala, fa a kwala ditšhaba, a re: “Yo, o tsaletswe teng.” Sela. 7 Bona ba ba binang pina le ba ba opelang ba re: “Metswedi yotlhe ya me e mo go wena.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa