Lipesalema 86 - Setswana 1970Kopo ya go batla thuso 1 Thapelo ya ga Dafita. Morena, ntshekegele tsebe, o nkutlwe; gonne ke motlalelwi le mohumanegi. 2 Boloka mowa wa me; gonne ke boitshepo. Wena Modimo wa me, thusa motlhanka wa gago yo o go ikantseng. 3 Intshwarele, Morena; gonne ke ntse ke kuela go wena letsatsi lotlhe. 4 Itumedise mowa wa motlhanka wa gago; gonne ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Morena. 5 Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena. 6 Morena, reetsa thapelo ya me, o tlhokomele lentswe la mekokotlelo ya me. 7 Ke goela kwa go wena ka letsatsi la tlalelo ya me; gonne o a nkutlwa. 8 Ga go ope mo medimong o o tshwanang nao, Morena; ga go na sepe se se tshwanang le ditiro tsa gago. 9 Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, di obamela fa pele ga gago, Morena, di tlotla leina la gago. 10 Gonne wena o mogolo, o dira dikgakgamatso; wena o Modimo o le wesi fela. 11 Morena, nthute tsela ya gago gore ke tsamae mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago. 12 Morena, Modimo wa me, ke rata go go baka ka pelo yotlhe le go tlotla leina la gago ka bosenabokhutlo. 13 Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo mo go nna, o golotse mowa wa me mo felong ga baswi, fa go kwa tlasetlase. 14 Modimo, baikgantshi ba ntsogetse; lekoko la ba ba peloethata le tsoma botshelo jwa me, mme ga ba go gopole. 15 Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri. 16 Retologela kwa go nna, o intshwarele; naya motlhanka wa gago thata ya gago, o thuse morwa lelata la gago. 17 Dira sesupo sa molemo mo go nna gore ba ba ntlhoileng ba se bone, ba be ba tlhajwe ke ditlhong, ka wena Morena o nthusitse, o bile o nkgomoditse. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa