Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 85 - Setswana 1970


Pholoso e atametse

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena, o utlwetse lefatshe la gago botlhoko, wa fetola tatlhego ya Jakobe.

3 O itshwaretse molato wa morafe wa gago, wa bipa maleo otlhe a bona. Sela.

4 O tlositse kgakalo yotlhe ya gago, wa boa mo bogaleng jwa gago jo bo tukang.

5 Re tlhabolole, Modimo wa pholoso ya rona, o khutlise kgakalo ya gago mo go rona.

6 A o tla re galefela ka bosakhutleng, a bogale jwa gago o tla bo tsweletsa pele go ya tshikatshikeng?

7 A ga o kitla o re phedisa gape gore batho ba gago ba go itumelele?

8 Re bontshe bopelotlhomogi jwa gago, Morena, o re nee pholoso ya gago.

9 Ke rata go utlwa se Morena, Modimo, o tla se buang; gonne batho ba ona, e bong baratiwa ba ona, ruri, o tla bua nabo tsa kagiso. Fela a ba se boele gape kwa bosilong.

10 Kana pholoso ya ona e gaufi le ba ba o boifang gore kgalalelo e age mo lefatsheng la rona.

11 Bopelontle le boammaaruri di a kgatlhana; tshiamo le kagiso di a atlana.

12 Boammaaruri bo tlhoga mo lefatsheng; tshiamo e lebile kwa tlase e le kwa legodimong.

13 Le gona Morena o tla naya se se molemo, lefatshe la rona le tla ntsha leungo la lone.

14 Tshiamo e mo eteletse pele, e tlhokometse tsela ya dikgato tsa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan