Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 84 - Setswana 1970


Boitumelo jwa go nna mo boagong jwa Modimo

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo.

2 Kana maago a gago a mantlentle jang wena Morena wa masomosomo!

3 Mowa wa me o tlhologeletswe, o fegelelwa malapa a Morena. Pelo ya me le nama ya me di dudueletsa Modimo o o phedileng.

4 Le serobele se iponetse ntlo le peolwane sentlhaga kwa e ka bayang mamphorwana a yona teng, e bong dialetare tsa gago, Morena wa masomosomo, Kgosi ya me, Modimo wa me.

5 Go sego bona ba ba agileng mo Ntlong ya gago, ba go baka ka gale. Sela.

6 Go sego motho yo thata ya gagwe e leng mo go wena, yo ditsela tse di bonalang di leng mo pelong ya gagwe.

7 Fa ba ralala mokgatsha wa komelelo, ba o dire lefatshe la metswedi; le gona pula ya ntlha e o khurumetse ka masego.

8 Ba tsamaya ba tlhomogantse dithata; mongwe le mongwe wa bona o tla bonala fa pele ga Modimo mo Sione.

9 Morena, Modimo wa masomosomo, utlwa thapelo ya me, a o ko o reetse, wena Modimo wa ga Jakobe. Sela.

10 Modimo, thebe ya rona, leba o bone sefatlhego sa motlodiwa wa gago.

11 Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malapeng a gago le gaisa malatsi a le sekete a mangwe. Ke rata go nna fa serepoding sa mojako wa Ntlo ya Modimo wa me bogolo go go aga mo matlong a boikepo.

12 Gonne Morena Modimo ke letsatsi le thebe; Morena o tla abela boitshwarelo le tlotlo; ba ba tsamayang ka tshiamo ga a kitla a ba tima tse di molemo.

13 Morena wa masomosomo, go sego motho yo o go ikanyang.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan