Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 83 - Setswana 1970


Baba ba ntlheng tsotlhe

1 Sefela. Pesalome ya ga Asafe.

2 Modimo, se tlhokomologe, se didimale, se nne fela, Modimo!

3 Gonne, bona, baba ba gago ba a feretlha; ba ba go tlhoileng ba tsholetsa ditlhogo.

4 Ba logela batho ba gago maano a bolotsana, ba gakololana ka ga ba o ba sireletsang.

5 Ba re: “Tlayang, a re ba nyeletseng gore ba se tlhole ba nna morafe le gore leina la Iseraele le se tlhole le gopolwa.”

6 Ba gakololanye ka bongwefela jwa pelo, ba go ikgolaganyetsa:

7 E bong ba ditente tsa Etomo le Baisemaele le Bamoabe le Bahagare

8 le ba Gebale le Baamone le Baamaleke le Bafelesita mmogo le baagi ba Tiro;

9 Baasiria le bona ba ikopantse nabo, ba thusa boora Lote. Sela.

10 Ba direle jaaka o kile wa direla Bamidiane le Sisera le Jabine fa nokeng ya Kisone.

11 Ba nyeleditswe kwa Entore, ba tswa letshotelo la tshimo.

12 Dira batlotlegi ba bona gore ba nne jaaka Orebe le Seebe le dikgosana tsa bona jaaka Seba le Salemuna

13 tse di reng: “A re ithopeleng maago a Modimo.”

14 Modimo wa me, ba dire jaaka matlakala le jaaka moko o o gogolwang ke phefo.

15 Molelo o fisa sekgwa le kgabo ya molelo e tshuba dithaba:

16 Ba leleke jalo ka ledimo la gago, o ba boifise jalo ka kgwanyape ya gago.

17 Tlatsa difatlhego tsa bona ditlhong gore ba batle leina la gago, Morena.

18 A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege

19 gore ba lemoge, fa wena yo o bidiwang Morena ò le Mogodimodimo ò le wesi o ò okameng lefatshe lotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan