Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 82 - Setswana 1970


Moatlhodi yo mogolo le baatlhodi ba tshiamololo

1 Pesalome ya ga Asafe. Modimo o eme mo phuthegong ya medimo; o atlhola fa gare ga medimo.

2 Lo tla atlhola ka tshiamololo goleele go le kae, lo ntse lo gobelelela baikepi? Sela.

3 Siamisetsang ba babotlana le dikhutsana; nayang batlalelwi le batlhoki se se ba tshwanetseng.

4 Pholosang ba babotlana le bahumanegi; lo ba golole mo diatleng tsa baikepi.

5 Medimo eo ga e na temogo, ga e na tlhaloganyo; e kgarakgatshega mo lefifing; metheo yotlhe ya lefatshe e a tshikinyega.

6 Nna ka nosi ke rile, lo medimo; mme lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo.

7 Mme ruri, lo tla swa jaaka batho, lo tla wa jaaka mongwe wa ditona.

8 Tloga o eme, Modimo, o atlhole lefatshe; gonne o tla rua ditšhaba tsotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan