Lipesalema 81 - Setswana 1970Poko ya Morena le kgothatso ya batho ba gagwe 1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo. 2 Ipeleleng Modimo o e leng thata ya rona, lo dudueletse Modimo wa ga Jakobe. 3 Tlhabang sefela, lo letse moropa le katara e e itumedisang le harepa. 4 Letsang phala, fa ngwedi o rogwa, gape fa o le mosweu ka letsatsi la moletlo wa rona. 5 Gonne ke molao o o beetsweng Iseraele, ke se se siametseng Modimo wa ga Jakobe. 6 O o beile go nna tshupo mo go Josefa, jale fa o bololela lefatshe la Egepeto. Ke utlwa puo e ke ne ke sa e itse, e re: 7 “Ke ne ka rola magetla a gagwe morwalo, diatla tsa gagwe tsa imololwa seroto. 8 O no wa bitsa o le mo tlalelong, ka go golola; ka go araba ke fitlhegile mo marung a a dumang, ka go leka fa metsing a Meriba. Sela. 9 Reetsa, morafe wa me, ke tla go kaela; wena Iseraele, e kete o ka bo o nkutlwa. 10 A go se ka ga nna modimo ope wa seeng mo go wena; le gona o se ka wa obamela modimo ope wa ba sele. 11 Ke nna Morena, Modimo wa gago, o o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; atlhamisa legano la gago gore ke le tlatse. 12 Mme batho ba me ba ne ba sa reetse lentswe la me; Iseraele o ne a sa utlwane le nna. 13 Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bona; ba itsamaela ka fa maitaolong a bona. 14 E kete batho ba me ba ka bo ba nkutlwa! E kete Iseraele o ka bo a sepela mo ditseleng tsa me! 15 Ke ne ke tla akofa ke kokobetsa baba ba bona, ke tsholeletsa baganetsi ba bona letsogo. 16 Ba ba tlhoileng Morena ba ne ba tla mo tlakisa, mme sebaka sa bona Baiseraele e ne e tla nna se se sa khutleng. 17 O ne a tla ba jesa mabele a a nonneng. Ke ne ke tla go kgorisa dinotshe tsa semana.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa