Lipesalema 80 - Setswana 1970Thapelo ya go tlhabolola Iseraele, e leng tshimo ya Modimo ya moweine 1 Pesalome ya tshupo ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. 2 Wena, Modisa wa Iseraele, a o ko o utlwe; wena yo o gogang Josefa jaaka letsomane, wena yo o ntseng godimo ga boKerubime, iponatse ka phatsimo. 3 Tsosa nonofo ya gago fa pele ga Eferaime le Benyamene le Manase, mme o tle go re thusa. 4 Re tlhabolole, Modimo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. 5 Morena, Modimo wa masomosomo, o tla galefela thapelo ya batho ba gago goleele go le kae? 6 O ba jesitse senkgwe sa dikeledi, wa ba nosa dikeledi gagolo thata. 7 O re dirile se se lwelwang mo go ba re bapileng nabo, baba ba rona ba a re sotla. 8 Re tlhabolole, Modimo wa masomosomo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. 9 O epolotse setlhatshana sa moweine mo lefatsheng la Egepeto, wa leleka ditšhaba, wa se tlhoma. 10 O se baakanyeditse manno, sa nama medi, sa tlala lefatshe. 11 Dithaba di ne di khurumediwa ke moriti wa sona, le mesetere ya Modimo e khurumediwa ka dikala tsa sona. 12 Se ne se godisa dikala tsa sona go fitlha kwa lewatleng le matlhogela a sona go fitlha kwa nokeng ya Ferathe. 13 Kana o ne o phomelang dipota tsa sona gore botlhe ba ba fetang ka tsela ba se fotlhe? 14 Kolobe ya sekgwa e a se epolola, diphologolo tsa naga di a se ja. 15 Tswetswe, boa, Modimo wa masomosomo; leba, o le kwa legodimong, o bone; o tlhokomele setlhatshana se sa moweine; 16 e bong setlhongwa se se tlhomilweng ka letsogo la gago le le jang, le morwa yo ò mo ikgodiseditseng. 17 Se fisitswe ka molelo, sa kgaolwa; a baba ba latlhege ka kgalemelo ya sefatlhego sa gago. 18 A letsogo la gago le okame monna yo o dirilweng ke letsogo la gago le le jang, e bong morwa motho yo ò mo ikgodiseditseng. 19 Foo ga re kitla re go hularela. Re phedise, mme re tla bitsa leina la gago. 20 Re tlhabolole, Morena, Modimo wa masomosomo, o phatsimise sefatlhego sa gago gore re phologe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa