Lipesalema 79 - Setswana 1970Batho ba ba kgobegileng ba Modimo 1 Pesalome ya ga Asafe. Modimo, baheitane ba tsenye mo bosweng jwa gago; ba itshepolotse Tempele e e Boitshepo ya gago; ba dirile Jerusalema maroperope fela. 2 Ditoto tsa batlhanka ba gago ba di file dinonyane tsa loapi go di ja; nama ya baitshepi ba gago ba e file dibata tsa naga. 3 Madi a bona ba a tsholotse jaaka metsi tikologong ya Jerusalema, mme go ne go se ope yo o ba fitlhang. 4 Re diregile nyatsego fela mo go ba re bapileng nabo; le tshotlego le kgobo mo go ba ba tikologong ya rona. 5 E tla nna goleele go le kae, Morena? A o tla galefela ruri, a lefufa la gago le tla tuka jaaka molelo? 6 Tshololela kgakalo ya gago mo baheitaneng ba ba sa go itseng le mo magosing a a sa bitseng leina la gago. 7 Gonne ba jele Jakobe, ba senya boago jwa gagwe. 8 O se ka wa re beletsa ditshiamololo tsa borraetsho-mogolwagolwane; a boutlwelo-botlhoko jwa gago bo re kgatlhantshe ka bonako, gonne re koafetse thata. 9 Re thuse, Modimo wa pholoso ya rona ka ntlha ya tlotlo ya leina la gago; o re namolele, o re itshwarele maleo ka ntlha ya leina la gago. 10 Kana baheitane ba tla buelang ba re: “Modimo wa bona o kae?” A pusolosetso ya madi a a tsholotsweng a batlhanka ba gago e itsege mo baheitaneng fa pele ga matlho a rona. 11 A phegelo ya bagolegwi e fitlhe fa pele ga gago; a bona ba ba tshwanetseng go swa ba lesiwe ka fa bogolong jwa letsogo la gago. 12 Mme kgalo e bona ba re bapileng nabo ba go kgadileng ka yona, Morena, o e ba busetse gasupa mo dihubeng tsa bona. 13 Mme rona ba re leng batho ba gago le dinku tsa bofulo jwa gago, re tla go leboga ka bosakhutleng, re bolela pako ya gago go ya tshikatshikeng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa