Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 78 - Setswana 1970


Tirafalo ya Baiseraele ke tlhagiso ya rona

1 Sefela sa thuto sa ga Asafe. Lona batho ba me, reetsang thuto ya me, sekegelang mafoko a molomo wa me ditsebe.

2 Ke tla tswa molomo, ke bolela seane, ke ntsha dinyepo tsa bogologolo.

3 Tse re di utlwetseng, ra di itse, tse borraetsho ba di re boleletseng,

4 ga re ka ke ra di lobela bana ba bona; re tla bolelela losika lo lo tlang ditiro tsa pako tsa Morena, le thata ya gagwe, le dikgakgamatso tse a di dirileng.

5 Gonne o tlhomile tshupo mo go Jakobe, a baya molao mo go Iseraele o a o laetseng borraetsho gore ba o itsise bana ba bona,

6 gore losika lo lo tlang lo o itse, e bong bana ba ba tla tsalwang, gore ba tle ba o bolelele bana ba bona,

7 le gore ba ikanye Modimo, mme ba se lebale ditiro tsa Modimo, mme ba tshegetse ditaolo tsa ona

8 gore ba se nne jaaka borraabo ba e neng e le losika lo lo tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi, losika lo lo tlhokang pelo ya tlhomamo le mowa o o lebileng Modimo ka boikanyo.

9 Baeferaime ba ba neng ba ipaakantse go hula ka bora, ba menoga, ba tshaba ka letsatsi la tlhabano.

10 Ga ba a ka ba tlhokomela kgolagano ya Modimo, ba bile ba ganne go tsamaya ka fa molaong wa ona;

11 ba lebala ditiro tsa ona le dikgakgamatso tse o di ba bontshitseng.

12 O dirile dikgakgamatso fa pele ga borraabo kwa lefatsheng la Egepeto, mo nageng ya Soane.

13 O kgaogantse lewatle, wa ba tshedisa; wa emisa metsi jaaka lobota.

14 Motshegare o ne wa ba goga ka leru, mme bosigo jotlhe ka lesedi la molelo.

15 O phatlotse mafika mo sekakeng, wa ba nosa ka botlalo jaaka ka merwalela.

16 O ne wa ntsha dinokana mo lefikeng, wa eledisa metsi jaaka dinoka.

17 Mme ba fela ba tswelela pele go o leofela, ba rukhutlhegela Mogodimodimo kwa nageng e e omileng.

18 Ba leka Modimo mo dipelong tsa bona ka go lopa dijo ka fa kgatlhegong ya bona.

19 Ba bua kgatlhanong le Modimo ba re: “A Modimo o ka baakanya bojelo mo sekakeng?

20 Ee, o iteile lefika, metsi a ba a ela, dinokana tsa phothosela. Mme a senkgwe le sona o ka se ntsha, gongwe wa naya batho ba ona nama?”

21 Ke gona e rileng Morena a utlwa, a tuka bogale; molelo wa tukela Jakobe, ee, bogale jwa tsogela Iseraele,

22 ka ba se ka ba dumela Modimo, le e seng go ikanya thuso ya ona.

23 Jaanong wa laela maru kwa godimo, wa bula mejako ya legodimo.

24 Wa ba nesetsa Mmana go o ja, wa ba naya mabele a legodimo.

25 Ba ja sejo sa baengele, wa ba romela mfago, ba kgora.

26 O ne wa fokisa phefo ya botlhabatsatsi kwa legodimong, wa phunya phefo ya borwa ka thata ya ona.

27 Wa ba nesetsa nama jaaka lerole le dinonyane tse di diphuka jaaka motlhaba wa lewatle.

28 Wa di digela mo bothibelelong jwa bona tikologong ya maago a bona.

29 Foo ba ja, ba kgora thata; wa ba tsisetsa tse ba neng ba di eleditse.

30 E rile ba ise ba bakele keletso ya bona, nama e sa ntse e le mo maganong a bona,

31 bogale jwa Modimo jwa ba tsogela, mme wa bolaya ba ba nonneng mo go bona, wa namalatsa makau a Iseraele.

32 Mme ba tlhokomologa tsotlhe tseo, ba fela ba leofela pele, ba se ka ba dumela dikgakgamatso tsa ona.

33 Ka moo wa fedisa malatsi a bona mo bosengsepe, le dinyaga tsa bona mo theregong.

34 Mme e ne ya re fa o ba bolaya, ba botse ka ga ona, ba tlhabologe, ba batle Modimo;

35 ba gakologelwe, fa Modimo e le lefika la bona, mme Modimo Mogodimodimo e le mogolodi wa bona.

36 Mme ba rata go o kgona ka melomo ya bona, ba o aketsa ka diteme tsa bona;

37 mme dipelo tsa bona di ne di sa o ineele ka tlhomamo, ba sa tlhokomele kgolagano ya ona ka boikanyego.

38 Mme ona ka o le kutlwelo-botlhoko, o ne o itshwarela molato, o sa ba nyeletse; e bile o ne o busa bogale jwa ona gantsi, o sa tsose kgakalo yotlhe ya ona.

39 O ne o gopola, fa bona ba le nama fela, ba le mowa o o fetang, o o sa tlholeng o ka boa.

40 Ba ne ba o rukhutlhegela gantsi jang ne kwa sekakeng, ba o hutsafatsa kwa gareganaga.

41 Ba leka Modimo gangwe le gape, ba kgopisa Moitshepi wa Iseraele.

42 Ba ne ba se ke ba gakologelwa letsogo la ona, le e seng letsatsi le o ba namoletseng mmaba ka lone,

43 jale fa o ne o dira ditshupo tsa ona kwa lefatsheng la Egepeto, le dikgakgamatso tsa ona mo nageng ya Soane.

44 O ne wa fetola metsi a dinoka tsa bona madi, le a dinokana tsa bona gore ba retelelwe ke go nwa.

45 Wa ba romela diboba, tsa ba loma, le digwagwa, tsa ba senyetsa.

46 Thobo ya bona wa e naya segongwane, le leungo la matsapa a bona wa le naya tsie.

47 Wa senya moweine wa bona ka sefako, le megokare wa bona ka serame.

48 Wa bolaya dikgomo tsa bona ka sefako, le matsomane a bona ka ditladi.

49 Wa ba romela bogale jo bo tukang jwa ona, le kgakalo le kgalefo le pitlagano, lesomo leo la barongwi ba tlalelo.

50 Wa baakanyetsa bogale jwa ona tsela, wa se ka wa thibela mewa ya bona go ya losong, wa neela leroborobo maphelo a bona.

51 Wa itaya maitibolo a tsotlhe mo lefatsheng la Egepeto, le bana ba ntlha ba thata ya bona mo ditenteng tsa ga Hame.

52 Mme batho ba ona wa ba bolotsa jaaka dinku, wa ba goga mo sekakeng jaaka letsomane.

53 Wa ba tsamaisa tshireletsong, mo ba sa boifeng sepe; mme baba ba bona, lewatle la ba nwetsa.

54 Wa ba fitlhisa kwa lefatsheng le le boitshepo la ona, kwa thabeng e letsogo le le jang la ona le e thopileng.

55 Mme wa leleka merafe fa pele ga bona, wa ba ruisa lefatshe la yona jaaka boswa jo ba bo lekanyeditsweng, wa agisa ditso tsa Iseraele mo matlong a bona.

56 Mme bona ba ne ba leka Modimo, Mogodimodimo, ba o rukhutlhegela, ba sa tlhokomele ditshupo tsa ona.

57 Ba ikepa, ba dira ka boikanyologo jaaka borraabo; ba boela kwa morago jaaka bora jo bo sa ikanngweng.

58 Ba o kgopisa ka dithota tsa tlhabelo tsa bona, ba tsosa lefufa la ona ka medimo ya diseto ya bona.

59 E rile Modimo o utlwa, wa galefa, wa latlha Iseraele gotlhe,

60 wa ba wa tlogela Taberenakele ya kwa Silo, e bong tente e o neng o e tlhomile mo bathong.

61 Mme thata ya ona wa e neela mo botshwarong le kgalalelo ya ona ya ona mo letsogong la mmaba.

62 Batho ba ona wa ba neela mo tšhakeng; boswa jwa ona wa bo gakalela.

63 Molelo o jele makau a bona; makgarebe a bona ga a ka a tlhabelwa mogolokwane wa nyalo.

64 Baperesiti ba bona ba ole ka tšhaka, mme batlholagadi ba bona ba palelwa ke go ba lelela.

65 Foo Morena a thanya jaaka mongwe yo o ne a robetse, jaaka mogale yo o neng a fentswe ke weine.

66 A itaya baganetsi ba gagwe, a ba busetsa kwa morago, a ba tsisetsa tshotlego e e sa khutleng.

67 Ke go re: A latlha tente ya ga Josefa, a se ka a itlhaolela lotso lwa ga Eferaime,

68 mme a itlhaolela lotso lwa ga Juta, thaba ya Sione e a e ratang.

69 A aga Felo-ga-Boitshepo ga gagwe jaaka bogodimo jwa legodimo, jaaka lefatshe le o le thaetseng bosakhutleng.

70 A itlhaolela Dafita, motlhanka wa gagwe, a mo tsaya a le kwa merakeng ya dinku.

71 A mo tlosa a disitse dinku tse di amusang gore a dise Jakobe, batho ba gagwe, le Iseraele, boswa jwa gagwe.

72 Mme o ne a ba disa ka fa pelong ya boammaaruri ya gagwe, a ba tsamaisa ka diatla tse di maatlametlo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan