Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 76 - Setswana 1970


Modimo ke moatlhodi le mogolodi

1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opedisiwang ka kwadi ya dithapo.

2 Modimo o itsiwe mo Juta; leina la ona le legolo mo Iseraele.

3 Ee, motlaagana wa ona o mo Saleme, le boago jwa ona mo Sione.

4 O robakile metsu-seka-ditladi ya bora teng, le thebe le tšhaka le tsa ntwa. Sela.

5 O a phatsima, o a galalela, o tswa kwa dithabeng tsa thopo.

6 Dinatla tse di pelokgale di thopetswe, di gateletswe ke boroko, bagale botlhe ba repile diatla.

7 Modimo wa ga Jakobe, koloi ya ntwa le pitse di tserwe ke madiopo ka kgalemelo ya gago.

8 Wena o yo o boitshegang; ke mang yo o ka emang fa pele ga gago, fa bogale jwa gago bo tuka?

9 O ne wa utlwatsa katlholo go tswa kwa legodimong; lefatshe la tshoga, la didimala,

10 fa Modimo o ema go atlhola gore o thuse botlhe ba ba pelonolo ba lefatshe. Sela.

11 Gonne bogale jwa motho bo a go tlotla, o itlama ka bogale jo bo setseng.

12 Ikaneleng Morena, Modimo wa lona, lo o lefele maikano. A botlhe ba ba o dikanyeditseng ba tsisetse ona o o tshabegang dineo,

13 o o kokobetsang boikgantsho jwa dikgosana, o o tshabegang mo dikgosing tsa lefatshe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan