Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 75 - Setswana 1970


Moatlhodi wa lefatshe yo o nang le senwelo sa bogale

1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”.

2 Re a go leboga, Modimo, re a leboga. Re bitsa leina la gago, re bolela dikgakgamatso tsa gago.

3 “Fa nako ya me e tsile, ke atlhola ka tshiamo.

4 Le fa lefatshe le ka tshikinyega le botlhe ba ba agileng mo go lone, nna ke tlhomamisitse maotwana a lone. Sela.

5 Ke reile masilo ka re: ‘Se nneng bosilo,’ le baikepi ka re: ‘Se tsholetseng lonaka.

6 Se tsholeletseng lonaka lwa lona kwa godimo; se bueng tsa matepe, lo gagamaditse melala.’ ”

7 Gonne katlholo ga e tswe kwa botlhabatsatsi le e seng kwa bophirimatsatsi le e seng kwa sekakeng sa dithaba,

8 mme moatlhodi ke Modimo, o kokobetsa yo, o godisa yole.

9 Gonne mo seatleng sa Morena go senwelo sa weine e e fufulang, e tletse ditswaiso, mme o nosa ka sona; ee, baikepi botlhe ba lefatshe ba tla gôpa magorugoru a sona, ba a nwa.

10 Mme nna ke tla bolela ka bosakhutleng, ke opelela Modimo wa ga Jakobe o o rileng:

11 “Ke tla kgaola dinaka tsotlhe tsa baikepi; dinaka tsa basiami tsona di tla tsholediwa.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan