Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 74 - Setswana 1970


Tshenyego ya Felo-ga-Boitshepo

1 Sefela sa thuto sa ga Asafe. Ke ka ntlha yang, Modimo, fa o re latlhetse ruri, mme bogale jwa gago bo tukela dinku tsa mafulo a gago?

2 Gopola phuthego ya gago e o sa leng o e ithekela bogologolo e o e ithekololetseng gore e nne setšhaba sa boswa jwa gago, e bong thaba ya Sione e o kileng wa aga mo go yona.

3 Tsholeletsa dinao maropeng a a nnetseng ruri. Mmaba o sentse tsotlhe mo Felong-ga-Boitshepo.

4 Baganetsi ba gago ba ne ba bôpa mo mafelong a phuthego ya gago; ba emisitse difoka tsa bona go nna ditshupo.

5 Go tshwana le batho, fa ba eketse sekgwa sa ditlhare dilepe.

6 Mme jaanong ba kgekgethile meseto yotlhe ka dilepe le ka dinoto.

7 Ba tshubile Felo-ga-Boitshepo ga gago, ba itshepolotse boago jwa leina la gago ka go bo digela fa fatshe.

8 Ba rile mo pelong tsa bona: “A re ba remaganyeng botlhe!” Ba fisitse matlo otlhe a Modimo mo lefatsheng.

9 Ga re bone ditshupo tsa rona; ga go tlhole go le moporofeti ope. Ga go ope mo go rona yo o itseng gore go tla tswelela go ya leng.

10 Ao, Modimo, kana moganetsi o tla kgala goleele go le kae? A mmaba o tla nna a kgoba leina la gago ka bosakhutleng?

11 Ke ka ntlha yang, fa o gonyetsa letsogo, e bong letsogo le le jang? Le ntshe mo sehubeng sa gago, o nyeletse!

12 Kana Modimo e ntse e le kgosi ya me go tswa bogologolong, ona o o dirang ditiro tsa pholoso mo lefatsheng.

13 Wena o dirile ka thata ya gago gore lewatle le kgaphasele, wa tšhwetla ditlhogo tsa dikgogela mo metsing.

14 Wena o tšwetlakantse ditlhogo tsa kgwanyape, wa e neela bontsi jwa diphedi tsa sekaka gore di e je.

15 Wena o phuntse metswedi le melatswana, wa kgadisa dinoka tse dikgolo tse di ntseng di sa kgale.

16 Motshegare ke wa gago, bosigo le jona ke jwa gago; o beile lesedi le letsatsi.

17 Wena o segile melelwane yotlhe ya lefatshe; selemo le mariga di dirilwe ke wena.

18 Gopola tse: Mmaba o go kgadile, Morena; batho ba masilo ba kgobile leina la gago.

19 O se ka wa naya sebata mowa wa lephoi la gago; o se ka wa lebalela ruri maphelo a batlalelwi ba gago.

20 Leba kgolagano; gonne matikelo a lefatshe a tletse mafelo a tshenyo e e setlhogo.

21 A mopatikwa a se boe a tlhabilwe ke ditlhong; a babogisegi le bahumanegi ba boke leina la gago.

22 Nanoga, Modimo, o lwele tshiamo ya gago. Gopola kgobo e o tlholang o e direlwa ke motho wa lesilo.

23 O se ka wa lebala tlhodio ya baganetsi ba gago le dipopo tsa ba ba go tsogetseng, tse di ntseng di tlhatloga.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan