Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 73 - Setswana 1970


KAROLO YA BORARO, DIPESALOME 73 – 89 Tsamaiso e e gakgamatsang ya Modimo

1 Pesalome ya ga Asafe. Ruri, Modimo o molemo mo go Iseraele, mo go bona ba ba dipelo di phepa.

2 Mme nna, dinao tsa me di batlile go kgotšwa, dikgato tsa me di batlile go relela.

3 Ke ne ke fufegela baikgantshi ka go bona letlhogonolo la baikepi.

4 Gonne ga ba na matlhoko; mebele ya bona e itekanetse, e nonne.

5 Ga ba mo tapisegong ya batho ba bangwe; ga ba tshwenyege jaaka batho ba bangwe.

6 Ke gona ka moo mokgabo wa molala wa bona e leng boikgodiso; bosetlhogo ba bo apere jaaka kobo.

7 Matlho a bona a rotogile ka monono; maano a dipelo tsa bona a a tswelela.

8 Ba a sotla, ba bua patiko ka boikepo; ba bua ka boikgodiso.

9 Ba bua tse di kgatlhanong le tsa legodimo; diteme tsa bona di itaola mo lefatsheng.

10 Ke ka moo batho ba sokologelang kwa go bona, ba gope metsi a thuto ya bona ka botlalo.

11 Ba re: “Modimo o ka itse jang, a ruri go na le kitso mo Mogodimodimong?”

12 Bonang, baikepi ba ntse jalo; ee, ba godisa khumo ya bona ba ntse ba iketlile.

13 Ruri, ke lefelafela fa ke ntse ke phepafatsa pelo ya me, ke tlhapa diatla ka bosenamolato.

14 Gonne ke tlhola ke tshwenngwa ka metlha, ke watlhaiwa moso mongwe le mongwe.

15 Fa nka bo ke rile, ke tla bolela jaaka bona, nka bo ke diretse losika lwa bana ba gago ka boikanyologo.

16 Foo ke ne ka akanya gore ke tlhaloganye selo se, ke fitlhela e le matsapa fela,

17 ga tsamaya ka tsenelela ditsamaisong tse di boitshepo tsa Modimo, ka lemoga bokhutlo jwa bona.

18 Ruri, o ba baya mo mareleding; o ba leseletsa go wela mo tshenyegong.

19 Kana ba fetoga theregiso ka tshoganyetso; ba fele, ba nyelele ka poitshego!

20 Wena Morena, o nyatsa setshwano sa bona, fa o tsoga, jaaka toro e nyatsega, fa motho a sena go thanya.

21 E rile pelo ya me e ntse e galakegile mme ke tlhabegile mo diphilong,

22 ka bo ke le lesilo, ke sa itse sepe, ke le jaaka phologolo fela fa pele ga gago.

23 Mme nna ke ntse ke na nao; o ntshwere letsogo le le jang.

24 O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkamogela kwa kgalalelong.

25 Ke na le mang kwa legodimong, fa e se wena? Fa ke na nao, ga ke kgatlhwe ke sepe mo lefatsheng.

26 Le fa nama ya me le pelo ya me di ka nyelela, Modimo ke lefika la pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.

27 Gonne bona, ba ba ikgaoganyang le wena ba tla latlhega; o nyeletsa botlhe ba ba akafalang ka go ikepa mo go wena.

28 Mme fa e le nna, ke itumela go nna gaufi le Modimo. Wena Morena Modimo o botshabelo jwa me. Ke tla bolela ditiro tsotlhe tsa gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan