Lipesalema 72 - Setswana 1970Sefela sa tlhomamiso ya kgosi 1 Pesalome ya ga Salomo. Modimo, naya kgosi melao ya gago; morwa kgosi o mo nee tshiamo ya gago 2 gore a atlhole batho ba gago ka tshiamo, le batlalelwi ba gago ka molao. 3 A dithaba di ungwele batho kagiso, le dithabana di ba ungwele tshiamo. 4 O tla siamisetsa batlalelwi ba morafe, a pholosa bana ba bahumanegi, a tšhwetlakanya mogateledi. 5 O tla phela sebaka se se kana ka letsatsi le tlhabile le ngwedi o ise o phirime go ya tshikatshikeng. 6 O tla fologa jaka pula mo pilong, jaaka medupe e e nosang lefatshe. 7 Mo malatsing a gagwe tshiamo e tla tlhoga, kagiso e kgolo e tla nna teng go fitlhelela ngwedi o sa tlhole o le yo. 8 O tla busa go tswa lewatleng go ya go le lengwe, le go tswa Nokeng go ya mafelelong a lefatshe. 9 Ba ba agileng mo dikakeng ba tla khubama fa pele ga gagwe, baba ba gagwe ba tla latswa lerole. 10 Dikgosi tsa Tharesise le tsa ditlhakenyana di tla tsisa dimpho; dikgosi tsa Šeba le Seba di tla ntsha lekgetho. 11 Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela, ditšhaba tsotlhe di tla mo direla. 12 Gonne o tla golola mohumanegi yo o goelang thuso le mmogisegi le yo o se nang mothusi. 13 O tla utlwela yo mmotlana le motlhoki botlhoko, a pholosa mewa ya bahumanegi. 14 O tla golola maphelo a bona mo patikegong le mo kgatelelong; madi a bona e tla nna a botlhokwa mo matlhong a gagwe. 15 A kgosi e phele, mme ba e nee tsa gouta ya Šeba, ba e rapelele ka gale, ba e tshegofatse ka metlha. 16 A go nne letlotlo la mabele mo lefatsheng, a go sume kwa ditlhoeng tsa dithaba; a leungo la lone le tshwane le Lebanone; a batho ba motse ba rune jaaka morogo wa lefatshe. 17 A leina la yona le nnele ruri. A leina la yona le tlhoge letsatsi le ntse le le teng; a ditšhaba tsotlhe di tshegofadiwe ka yona, a di e boke di re: Kgosi e tlhogonolo. 18 A go bokwe Morena, Modimo, Modimo wa Iseraele, o e leng ona fela o o dirang dikgakgamatso. 19 Mme a leina la ona le le galalelang le bakwe ka bosakhutleng; a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya ona, Amen, ee, a go nne jalo! 20 Fano go fela dithapelo tsa ga Dafita, morwa Isai. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa