Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 71 - Setswana 1970


O se ntlogele mo botsofeng

1 Ke tshabela kwa go wena, Morena; a ke se tlhajwe ke ditlhong ka gope.

2 Mpholosa ka tshiamo ya gago, o nkgolole; ntshekegela tsebe o nthuse.

3 O nne logaga lwa me lwa phemelo lo nka tsenang mo go lone ka gale, wena yo o laetseng go nthusa; gonne ke wena lefika la me le phemelo ya me ya kwa thabeng.

4 Modimo wa me, nkgolole mo letsogong la moikepi, mo letsweleng la mosiamolodi le la yo o setlhogo.

5 Gonne ke wena yo ke go solofetseng, Morena Modimo, ke go ikantse go tswa bokaung jwa me.

6 Ke itshegeditse ka wena go tswa botsalong, ke wena mogolodi wa me go tswa tlholegongya me; sefela sa ka se tla baka wena ka gale.

7 Nna ke kgakgamatso mo bathong ba bantsi; mme wena o botshabelo jo bo thata jwa me.

8 Molomo wa me o tletse pako ya gago le kgalaletso ya gago ka gale.

9 Se ntatlhe mo motlheng wa botsofe; se ntlogele mogang thata ya me e felang.

10 Gonne baba ba me ba bua ka ga me, le ba ba laletseng bophelo jwa me ba a gakololana. Ba re:

11 “Modimo o mo tlogetse; mo lelekeng, lo mo tshware; gonne ga a na monamoledi.”

12 Modimo, o se nne kgakala le nna; Modimo wa me, akofa o nthuse.

13 A ba ba tlhabanang le mowa wa me ba tlhajwe ke ditlhong, ba fele; a ba ba batlang tlalelo ya me ba bipiwe ke nyatsego le tshotlego.

14 Mme nna ke tla nna ke lebelela, ke godisa tumo yotlhe ya gago.

15 Molomo wa me o tla bolela tsa tshiamo ya gago le tsa pholoso ya gago ka metlha yotlhe; gonne ga ke itse palo ya tsona.

16 Ke tla tla ka ditiro tse di thata tsa Morena Modimo, ke tla tumisa tshiamo ya gago o le wesi fela.

17 Modimo, o nthutile go tswa bokaung jwa me; ke ntse ke bolela dikgakgamatso tsa gago go fitlhelela kajeno.

18 Le gona, Modimo, o se ka wa ntlogela go ya botsofeng, fa ke thuntse tlhogo, go ya ke be ke bolelele losika lo lo tlang tsa letsogo la gago le botlhe ba ba tlang tsa thata ya gago.

19 Le gona tshiamo ya gago, Modimo, e fitlha kwa godimodimo; Modimo, wena yo o dirileng dilo tse dikgolo, ke mang yo o tshwanang nao?

20 Wena yo o dirileng gore ke bone dipitlagano tse dintsi le ditlalelo, o tla boa o mphedisa, o ntlhatlosa gape mo madibeng a lefatshe.

21 O tla godisa bogolo jwa me, o boa o nkgomotsa.

22 Jaanong le nna ke tla go lebogela boammaaruri jwa gago ka seletso sa harepa, Modimo wa me, ke go opelela ka katara, wena Moitshepi wa Iseraele.

23 Molomo wa me o tla duduetsa, fa ke go opelela pako, le mowa wa me o ò o golotseng.

24 Loleme lwa me le lone lo tla nna lo bua ka ga tshiamo ya gago ka metlha; gonne ba ba neng ba mpatlela tatlhego ba tlhabilwe ke ditlhong ba nyatsega.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan