Lipesalema 70 - Setswana 1970Dafita o rapela Modimo gore o mo golole ka bonako 1 Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo e e kwaletsweng moopedisi. 2 Modimo, akofa o nkgolole; Morena, itlhaganele o nthuse. 3 A ba ba batlang go mpolaya ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane; a ba ba kgatlhwang ke tlalelo ya me ba kate ka morago, ba tlhajwe ke kgala. 4 A ba ba reng: “Ahee, ahee!” ba boele kwa morago ka ntlha ya ditlhong tsa bona. 5 A botlhe ba ba go batlang ba go itumelele, ba ipele; a ba ba ratang pholoso ya gago ba nne ba bue ba re: “Modimo o mogolo.” 6 Mme nna ke motlalelwi, ke mohumanegi; Modimo, a o ko o tle go nna ka bonako. Ke wena thuso ya me le mopholosi wa me; Morena, o se diege. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa