Lipesalema 7 - Setswana 1970Ntshiamisetse 1 Sefela sa ga Dafita se o se opeletseng Morena ka ntlha ya mafoko a ga Khuše wa Mobenyamene. 2 Morena, Modimo wa me, ke tshabela kwa go wena; nkgolola mo bapatiking botlhe ba me, o mpholose, 3 e se re gongwe ba nkgagola jaaka tau, ba mphamola go se ope yo o gololang. 4 Morena, Modimo wa me, fa ke dirile jalo, fa go na le tshiamololo mo diatleng tsa me, 5 fa ene yo o nang a na le kagiso le nna ke mo diretse bosula; fa ke senyeditse ene yo o neng a le moganetsi wa me ka bomo; 6 fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke, a ntshware, a gatakele bophelo jwa me mo mmung, tlotlo ya me a e latse mo leroleng. Sela. 7 Morena, tloga o eme mo bogaleng jwa gago, bololela baganetsi ba me ba ba nkgakaletseng, o tsoge ka ntlha ya me, wena yo o laotseng katlholo. 8 A phuthego ya merafe e go dikanyeletse, o boele kwa godimo, o ba okame. 9 Morena, o atlhola merafe. Morena, ntshiamisetse ka fa tshiamong ya me le ka fa ke se nang molato ka teng. 10 Dira gore boikepo jwa baikepi bo khutle! Tlhomamisa mosiami, wena yo o lekang dipelo le diphilo, wena Modimo o o siameng. 11 Thebe ya me e mo Modimong o o thusang ba ba dipelo di boammaaruri. 12 Modimo ke moatlhodi yo o siameng, e bile ke Modimo o o galefang ka letsatsi le letsatsi. 13 Fa motho a sa sokologe, o lootsa tšhaka ya ona, o gagamatsa bora jwa ona, o supa ka jona; 14 o mmaakanyeditse dibolai tsa loso, o dira metsu ya ona go nna e e tukang. 15 Bonang, motho yoo o nna moimana ka boikepo, o ithwele tshiamololo, o tsala maaka. 16 O epile lemena, a le gaba; mme o wetse mo gopong e o e dirileng. 17 Tshenyo ya gagwe e boela tlhogong ya gagwe, le go thubaka ga gagwe go wela mo phogong ya gagwe. 18 Ke tla baka Morena ka ntlha ya tshiamo ya gagwe, ke opelela leina la Morena Mogodimodimo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa