Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 69 - Setswana 1970


Mmogisiwa

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.

2 Modimo, nthuse! Gonne metsi a gaufi le go mpeta.

3 Ke rorometse mo lerageng le le botengteng, kwa go se nang boemo teng; ke wetse mo madibeng a metsi, morwalela o nkhurumeditse.

4 Ke lapisitswe ke go lela ga me, ke sule lentswe; matlho a me a a fela ke ntse ke lebeletse Modimo wa me.

5 Ba ba ntlhoileng, go se na molato, ba bantsi go feta dithiri tsa tlhogo ya me. Ba ba ratang go ntshenya, ba e leng baba ba me kwa ntle ga lebaka ba thata, ba re, ke tshwanetse go busa se ke sa se gapang.

6 Modimo, wena o itse bosilo jwa me, le melato ya me ga o a e subelwa.

7 A bona ba ba go lebeletseng ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna, Morena, Modimo wa masomosomo. A bona ba ba go batlang ba se swabe ka nna, Modimo wa Iseraele.

8 Gonne ke ka ntlha ya gago ke rweleng nyatsego, ditlhong di bipile sefatlhego sa me.

9 Bomorwa-rre ke ba fetogetse moeng, ke yo o sa itsiweng mo baneng ba ga mme.

10 Gonne go tlhoafalela Ntlo ya gago go njele, le dikgobo tsa bona ba ba go kgobang di nkwetse.

11 Ke ne ka ikutlwisa botlhoko ka go itima dijo, mme ga mphetogela ditlhong.

12 Ka ikapesa kgetse ya bohutsana, mme ka tswa seane sa tshotlo mo go bona.

13 Ba ba ntseng mo kgotleng ba bua ka ga me, le ba ba nwang bojalwa ba nkopela difela.

14 Mme nna, thapelo ya me ke e lebisitse wena, Morena, ka nako e e go kgatlhang. Modimo, nkutlwe ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya pholoso ya gago e e ikanyegang.

15 Ntshwatole mo lerageng gore ke se ka ka rôrômelela ruri; a ke gololwe mo go ba ba ntlhoileng le mo madibeng a metsi.

16 A morwalela o se nkhurumetse, le bodiba a bo se nkometse; a lemena le se itswale molomo godimo ga me.

17 Nkutlwe, Morena, gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo; retologela go nna ka fa bogolong jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago.

18 Mme o se ka wa fitlhela motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, gonne ke mo pitlaganong. Akofa o nkutlwe.

19 Atamela mowa wa me, o o golole; nkgolole ka ntlha ya baba ba me.

20 Wena o itse nyatsego ya me le ditlhong tsa me le go kgojwa ga me; baganetsi ba me o ba itse botlhe.

21 Nyatsego e mphatlotse pelo, ka felelwa ke thata; ke tlhologeletswe boutlwelo-botlhoko, mme ga bo yo, le bagomotsi, mme ga ke ba bone.

22 Ba nneile santlhokwe go nna sejo sa me, mme e rile ke nyorilwe, ba nnosa motatsa.

23 A bojelo jwa bona bo nne segole fa pele ga bona, le mutlwane mo go ba ba sa kgathaleng sepe.

24 A matlho a bona a fifale gore ba se ka ba bona, o theeketse dinôka tsa bona ka gale.

25 Goromeletsa kgakalo ya gago mo go bona, a molelo wa bogale jwa gago o ba tshware.

26 A boago jwa bona bo nne letlotla; a go se age ope mo ditenteng tsa bona.

27 Gonne ba bogisa ena yo wena o mo iteileng; ba godisa botlhoko jwa yo ò mo khutlileng.

28 Oketsa molato wa bona ka molato; a ba se bone tshiamiso ya gago.

29 A ba phimolwe mo bukeng ya bophelo; a ba se kwalwe le basiami.

30 Mme nna ke bogisegile, ke tletse botlhoko. A pholoso ya gago, Modimo, e nkgodise.

31 Ke tla tumisa leina la Modimo ka sefela, ke le godisa ka pina e e lebogang.

32 Moo go tla kgatlha Morena bogolo go kgomo, e bong poo e e nang le dinaka le ditlhako tse di maphata.

33 Ba ba pelonolo ba a go bona, ba itumele. Lona ba lo batlang Modimo, a dipelo tsa lona di phele.

34 Gonne Morena o utlwa bahumanegi; ga a nyatse batshwarwi ba gagwe.

35 A legodimo le lefatshe di mo tumise, le mawatle le tsotlhe tse di nyeulang mo go ona.

36 Gonne Modimo o tla pholosa Sione, o aga metse ya Juta; ba tla aga teng, ba e rua.

37 Boora batlhanka ba ona ba tla rua boswa teng; ba ba ratang leina la ona ba tla aga gona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan