Lipesalema 68 - Setswana 1970Go fenya ga Modimo wa ga Iseraele 1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi. 2 Fa Modimo o nanoga, baba ba ona ba phatlalala; ba ba o tlhoileng ba tshaba fa pele ga ona. 3 O ba nyeletsa jaaka musi o nyelela; baikepi ba latlhega fa pele ga Modimo jaaka mmotu o gakologa mo molelong. 4 Mme basiami ba itumele, ba duduetse fa pele ga Modimo, ba itumele ka boipelo. 5 Opelelang Modimo, opelelang leina la ona pako! Ona o o ralalang dipoa tsa bogareganaga, o baakanyetseng tsela! Itumeleng mo Moreneng, lo duduetse fa pele ga gagwe. 6 Modimo ke rra-dikhutsana, le moatlholedi wa batlholagadi mo boagong jo bo boitshepo jwa ona. 7 Modimo o direla bannanosi legae; o golola bagolegwi, o ba gogele lesegong; mme baganetsi bona ba agile mo lefatsheng la komelelo. 8 Modimo, e rile o bolola fa pele ga batho ba gago, ya re o tsamaya mo sekakeng, Sela, 9 lefatshe la roroma, magodimo le ona a rotha fa pele ga sefatlhego sa Modimo; Sinai a reketla fa pele ga sefatlhego sa Modimo, Modimo wa Baiseraele. 10 Modimo, o nesitse pula ya medupe, wa lapolosa naga ya boswa jwa gago e e swabileng. 11 Lesomo la gago le ne la aga mo go yona; o ne wa e baakanyetsa babogisegi ka molemo wa gago, Modimo. 12 Morena o utlwatsa lefoko; basadi ba ba tlhabang mokgosi wa phenyo ke lesomo le legolo. 13 Dikgosi tsa masomosomo di a tshaba, di a tshaba; mme mosadi yo o setseng mo gae o aba thopo. 14 Fa lo robala kwa merakeng, ga lo bone thopo e e phatsimang jaaka diphuka tsa lephoi tse di manegilweng selefera le diphofa tsa lone tse di manegilweng gouta e tshetlha. 15 E rile Mong-wa-thata-yotlhe a falatsa dikgosi teng, semathana sa na mo dithabeng tsa Salemone. 16 Thaba ya Basane ke thaba ya Modimo; thaba ya Basane ke thaba e e ditlhoa. 17 Lona dithaba tse di ditlhoa, lo lebetseng ka lefufa kwa thabeng e Modimo o e itlhaoletseng go nna boago jwa ona? Ee, Morena o tla aga teng ka bosakhutleng. 18 Dikoloi tsa Modimo di dikete tse di masome, ke dikete tse di dikete; Morena yo o neng a na nabo kwa Sinai kajeno o mo Felong-ga-Boitshepo. 19 O tlhatlogetse kwa godimo, wa thopa batshwarwi, wa amogela dineo mo bathong – ee, le mo baganetsing – go nna kgosi o le Morena, Modimo. 20 A go bakwe Morena yo o re belegang ka letsatsi le letsatsi. Modimo ke pholoso ya rona. Sela. 21 Modimo ke Modimo wa dithuso mo go rona; Modimo Morena o itse go re falodisa mo losong. 22 Ruri, Modimo o tla tšhwetlaka ditlhogo tsa baba ba ona, e bong logata lo lo moriti lwa yo o ntseng a iphelela mo molatong wa gagwe. 23 Morena o rile: “Ke tla ba busa kwa Basane, ke tla ba busa mo bodibeng jwa lewatle, 24 gore o phatšhe ka lonao mo mading; diteme tsa dintšwa tsa gago di nne le seabe sa tsona mo babeng.” 25 Ba bona tsamao ya masomo a gago, Modimo, tsamao ya masomo a Modimo wa me, a kgosi ya me, a tsena mo Felong-ga-Boitshepo. 26 Baopedi ba etelela pele, ba latelwa ke baletsi ba dikwadi tsa dithapo, ba tsentswe gare ke makgarebe a a letsang meropa. 27 “Bakang Modimo, Morena, mo diphuthegong, lona ba motswedi wa Iseraele!” 28 Go teng Benyamene yo mmotlana yo o ba busang, dikgosana tsa Juta ka lesomo, dikgosana tsa Sebulone, dikgosana tsa Nafetale. 29 Modimo, laela thata ya gago, o itshupe o le thata, wena Modimo o o re diretseng, 30 o le kwa Tempeleng ya gago o okametse Jerusalema. Dikgosi di tla go tlisetsa dineo. 31 Kgalemela sephedi sa motlhaka – motlhape wa dipoo mmogo le merafe ya se-ka-morôle – ba ba ineelang ka dikgolokwe tsa selefera. Falatsa merafe e e natefelwang ke ntwa. 32 Dikgosana di tla tswa kwa Egepeto; lefatshe la Khuše le tla akofa le ntshetsa Modimo mabogo a lone. 33 Lona magosi a lefatshe, opelelang Modimo; opelelang Morena pako; Sela, 34 ona o o ralalang magodimo a a godimodimo a bogologolo tala; utlwang, o utlwatsa lentswe la ona, lentswe le legolo. 35 Neelang Modimo thata, borena jwa ona bo okame Iseraele le thata ya ona e mo marung. 36 Modimo o boitshega go tswa mafelong a ona a a boitshepo. Modimo wa Iseraele ke ona o o nayang morafe thata le nonofo. A Modimo o bakwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa