Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 67 - Setswana 1970


Sefela sa go lebogela thobo

1 Pesalome. Sefela se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwa ka kwadi ya dithapo.

2 A Modimo o nne boitshwarelo le rona, o re tshegofatse; a o re phatsimisetse sefatlhego sa ona, Sela,

3 gore tsela ya gago e lemogiwe mo lefatsheng, le pholoso ya gago mo ditšhabeng tsotlhe.

4 Merafe e tla go baka, Modimo, ditšhaba tsotlhe di tla go baka.

5 Merafe e tla itumela, e ipela, ka gonne o atlhola ditšhaba ka tshiamo, ò goga merafe mo lefatsheng. Sela.

6 Merafe e tla go leboga, Modimo, ditšhaba tsotlhe di tla go leboga.

7 Lefatshe le ntshitse thobo ya lone. Modimo, e bong Modimo wa rona, o tla re tshegofatsa.

8 Modimo o tla re tshegofatsa, mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla o boifa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan