Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 66 - Setswana 1970


Sefela sa pako morago ga dipogiso

1 Sefela sa pako se se kwaletsweng moopedisi. Dudueletsang Modimo, lona ba lefatshe lotlhe.

2 Opelelang kgalalelo ya leina la ona; galaletsang pako ya ona.

3 Rayang Modimo lo re: “Ditiro tsa gago di tlotlometse jang ne! Baba ba gago ba tla go tlakisa ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago.

4 A ba lefatshe lotlhe ba go obamele, ba go opelele, ba opelele leina la gago pako.” Sela.

5 Tlayang, lo lebe ditiro tsa Modimo; o boitshega ka ditiro mo baneng ba batho.

6 O fetotse lewatle komelelo; ba kgabagantse noka ka dinao; foo ra o itumelela.

7 O busa ka gale ka thata ya ona; matlho a ona a lebile merafe; baganetsi ga ba na go o tsogela. Sela.

8 Galaletsang Modimo wa rona, lona merafe! Lo utlwatse lentswe le le o bakang;

9 o o nayang mewa ya rona bophelo, o sa leseletse dinao tsa rona go theekela;

10 gonne wena, Modimo, o re lekile, wa re itshekisa, jaaka go itshekisiwa selefera.

11 O re tsentse mo letloeng, wa baya morwalo o o imelang mo dinokeng tsa rona.

12 Wa lesa bapalami ba re gata ditlhogo; ra tsena mo molelong le mo metsing; mme o re ntsheditse kwa go leng letlotlo.

13 Ke tla tsena mo Ntlong ya gago ka ditlhabelo tsa phiso; ke tla go dirafaletsa maikano a me

14 a loleme lwa me lo a boletseng, a molomo wa me o a buileng, ke le mo tlalelong.

15 Ke tla go tsisetsa ditlhabelo tsa phiso tsa dinku tse di nonneng, di na le musi wa ditlhabelo tsa diphelehu; ke tla go direla ka dikgomo le diphoko. Sela.

16 Tlayang, lo reetse, lona lotlhe ba lo boifang Modimo; ke tla bolela se o se diretseng mowa wa me.

17 Ke goetse kwa go ona ka molomo; pako e mo lolemeng lwa me.

18 Fa nka bo ke akantse boikepo ka pelo ya me, Morena a ka bo a sa utlwa.

19 Mme ruri, Modimo o nkutlwile, wa tlhokomela lentswe la thapelo ya me.

20 A go bakwe Modimo o o se kang wa latlha thapelo ya me, le e seng go ntima bopelotlhomogi jwa ona.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan