Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 65 - Setswana 1970


Sefela sa go baka molemo wa Modimo

1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi.

2 Modimo, o tshwanetswe ke sefela sa pako mo Sione, maikano o tla a direlwa.

3 Wena yo o utlwang thapelo, batho botlhe ba tla tla go wena.

4 Dilo tse di molato di mpaletse. Ditlolo tsa rona wena o tla di ruanya.

5 Go sego ena yo ò mo itlhaolelang, ò mo ikatametsa, gore a age mo malapeng a gago. Re tla kgora molemo wa Ntlo ya gago, le boitshepo jwa Tempele ya gago.

6 O re araba ka tshiamo ka dilo tse di boitshegang, wena Modimo wa pholoso ya rona o o ikanngwang ke dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe le dintshi tse di kgakala.

7 O thatafatsa dithaba ka thata ya gago, o itlamile ka nonofo.

8 O didimatsa kgwaso ya mawatle, kgwaso ya makhubu a ona, le khuduo ya merafe,

9 gore ba ba agileng kwa dikhutlong tsa lefatshe ba boife ditshupo tsa gago; mafatshe a botlhabatsatsi le bophirimatsatsi o a tlatsa tuduetso.

10 O lekotse lefatshe, wa le fa letlotlo, o le humisa thata; noka ya Modimo e tletse metsi. O ba baakanyetsa mabele; gonne o e baakanya jalo.

11 O nosa ditemo tsa lone, o thuba makwete a lone, o le kolobisa ka medupe, o tshegofatsa go tlhoga ga dijwalo tsa lone.

12 O rwesa ngwaga ka molemo wa gago, ditselana tsa gago di rotha monono.

13 Mafulo a naga a a tshutshuma; dithota di itlamile ka tuduetso.

14 Mafulo a apesitswe ka matsomane; mekgatsha e khurumeditswe ka mabele; di duduetsa tsotlhe, di a opela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan