Lipesalema 64 - Setswana 1970Petso ya baba ba mosiami 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. 2 Modimo, utlwa lentswe la me, fa ke lela; boloka bophelo jwa me, fa ke tshosiwa ke mmaba. 3 Mphitlhe ke fitlhegele maikaelelo a basulatsi le pheretlhego ya badiratshiamololo; 4 ba ba looditseng diteme tsa bona jaaka ditšhaka ba supile ka metsu ya bona, e bong mafoko a a galakang, 5 go hula mosiami ba mo laletse, ba mo hula ka tshoganyetso, ba sa boife. 6 Ba ikaeletse go dirafatsa maano a a bosula, ba bolela go thaisa ka mitlwane e e subilweng ba re: “Go tla bona mang?” 7 Ba akanya boikepo ba re: “Re sweditse, re logile maano a mantle.” Mogopolo wa motho o botengteng, le pelo ke lengôpe. 8 Mme Modimo o tla ba hula ka motsu; dipetso tsa bona di tla tla ka tshoganyetso. 9 Ba tla digwa ke diteme tsa bona; botlhe ba ba ba lebileng ba thukhutha ditlhogo. 10 Mme batho botlhe ba tla boifa, ba bolela tiro ya Modimo, ba tlhokomela se o se dirang. 11 Mosiami o tla itumela mo Moreneng, a batla botshabelo fa go ena; mme botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla itumisa ka Morena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa